LEFAPHA LA TEMOTHUO
MOLAO WA POLOKEGO YA NAMA, 2000
MELAWANA YA NAMA E KHIBIDU
Tona ya Temothuo e ne, go ya ka karolo 22 ya Molao wa Polokego ya Nama, 2000 (Molao No. 40 wa 2000), ya dira melawana e e tlhagisitsweng mo Mametlelelong.
MAMETLELELO
THULAGANYO YA DITENG TSA MELAWANA YA NAMA E KHIBIDU
KAROLO
Setlhogo
Lephata
Molawana
Tsebe
IX
XII
Kakaretso : Ditlhaloso
Dikopo tsa kwadiso
Neelano ya taelo
Ditlhokego tsa kwadiso ya botlhabelo jwa nama e khibidu
A. Bokana jwa matheriale bo bo tsenngwang mo tiregong ya tlhagiso le ditlhokego tse dingwe tsa dikereiti
B. Ditlhokego tsa meago ya botlhabelo botlhe ya tirelo tlhagiso tlase le godimo
C. Tsamaiso ya ditiro tsa boitekanelo le merero e e amanang le:
go tshola mateng go sega le tirego go tsidifatsa le go gatsedisa go beleseletsa dikumo tsa nama sepalangwa bophepa
Tsamaiso ya boitekanelo le dithulaganyo tsa palotlhotlhwa
Ditlhokego tsa boitekanelo tsa batho ba ba tsenang mo botlhabelong
Kalafi ya setho mo diphologolong le tirego ya tlhabo
Batlhatlhobi ba nama
Matshwao le go tshwaya
Kalafi ya matheriale o o senyegileng, jj.
Melawana ya thomelo ntle
Melawana ya thomelo teng
Dikgololo (mefutafuta yotlhe):
Tiriso ka mong
Tlhabelo ya sedumedi mo botlhabelong
Ditshiamelo tsa bofelo:
Boikuelo
Setlhogo se se khutshwane
Thulaganyo 1
KAROLO I
KAKARETSO
Ditlhaloso
Mo melawaneng e, lefoko lengwe le lengwe kana tlhaloso e kwa go yona bokao bo neilweng mo Molaong e tla nna le bokao boo mme -
a "Molao" o kaya Molao wa Polokego ya Nama, 2000 Molao No. 40 wa 2000;
b "nama e e rebotsweng" e kaya nama e e rebotsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng;
c "setoto" se kaya setoto se se apesitseng se se ntshiwang go tswa phologolong morago ga fa letlalo kana boboa mo lebakeng la dikolobe, mateng, diretlwa, maoto le tlhogo mo lebakeng la dikgomo, dinku, dipodi, mogatla mo lebakeng la dikgomo, letswalo le dithele tse di amusing di tlositswe;
d "mafelo a a phepa" a tsenyeletsa kamore ya paakanyo, foo dikgoropa tse di apesitsweng le mateng a mahibidu a tshwarwang, a tsidifadiwang le go romelwa, mmogo le botlhapelo le ditshiamelo tsa go ja tsa badiri ba ba dirang mo mafelong a mme fa go tlametsweng, ditshiamelo tsa go tlhatswa dikoloi tsa go rwala nama, botlhatswetso, diofisi le laboratori;
e "matheriale o o senyegileng" o kaya phologolo kana dikarolo tsa phologolo tse di tlhatlhobilweng le go lemogiwa, kana go tlhomamisitswe ka mokgwa o mongwe, go bo di sa amogelwe go jewa ke batho le diphologolo mme go tlhokega go opafatsa kana tshenyo;
f "lefelo le le senyegileng kana kamore" e kaya lefelo kana kamore e e laoletsweng go tshola matheriale o o senyegileng;
g "go sega" go kaya go ntsha marapo le go nathoganya ditoto;
h "nama e e letisitsweng" e kaya setoto le dithwe kana dikarolo tsa teng tse di belaelwang ke motlhatlhobi, ka nako ya tlhatlhobo ya ntlha, go bo e sa amogelesege go jewa ke batho le go beelwa tlhatlhobo ya bobedi;
i "mafelo a a leswe" a tsenyeletsa bonno jwa diphologolo, ditshiamelo tsa botlhatswetso jwa dikoloi tsa go rwala leruo, lefelo la kidibatso, lefelo la go tswela madi, kamore ya go tlosa boboa mo lebakeng la dikolobe, mafelo foo matheriale o o seng maleba, matheriale o o senyegileng le mateng a a magwata a tshwarwang mmogo le botlhapelo le ditshiamelo tsa go ja tsa badiri ba ba dirang mo mafelong a;
j "go bùa" go kaya kamologanyo e e tswelelang, mo kamoreng ya go buela kana lefelo, ya phologolo go nna setoto kana matlhakore a setoto, dikarolo tse di lekaneng go jewa le matheriale o o seng maleba;
k "kamore ya go buela" e kaya kamore kana lefelo, le le amologaneng go tswa kamoreng e e tswelang madi kana lefelo, foo setoto se buiwang ka go tlosa maoto, tlhogo le letlalo, le kgamolo e a dirwa;
l "go gamola" go kaya tloso ya diteng tsa mesima ya kgotshwana le mpa;
m "sere se se thibetsweng" se kaya sere se se kotsi jaaka se tshisintswe mo melawaneng ka fa tlase ga Molao wa Dijewa, Dikhosemetiki le Dibolayatwatsi, 1972 Molao No. 54 wa 1972;
n "matheriale o o kgomang" o kaya matheriale mongwe le mongwe o o phuthelang o o kopanang ka tlhamalalo le nama;
o "matheriale o o seng maleba" o kaya dikarolo tsa phologolo tse di sa siamelang go jewa ke batho fela di sa tlhoke tshenngo;
p "tirelo ya tlhatlhobo ya nama" e kaya tiragatso ya tshekatsheko ya pele, ditlhatlhobo tsa ntlha le tsa bobedi tsa nama ka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng yo o ka bong a thapilwe ke moabelwa mme a ka tsenya tsamaiso ya boitekanelo le taolo e e laolang jaaka go dumalanwe le motlhankedi mogolo wa porofensi wa botlhabelo bongwe le bongwe mme go tsenyeletsa go bega go go sa tsamaelaneng kwa motlhankeding mogolo wa porofensi;
q "go fetisiwa" go kaya fa e dirisitswe ka kopano le tlhatlhobo ya nama, gore nama e e jalo e rebotswe go jewa ke motho le phologolo mme e tempilwe ka setempe se se nang le lefoko "E REBOTSWE";
r "tlhatlhobo ya nama ya ntlha" e kaya tlhatlhobo, ka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, ya sekgoropa le dithwe tse ka tlhamalalo morago ga go bua le kgamolo go ya ka Karolo VI B:
s "tirego" e kaya go fetola nama, go na le go sega le go nathoganya, go kumaganya le go sila go oketsa nama;
t "porotokolo" e kaya tsamaiso e e rileng kana dikgato tse di totobetseng tse di ikaeletsweng go fokotsa kotsi mo maemong a a rileng, e e dumalanweng ke mekgatlho e e amegang le go rebolwa ka fa tlase ga melawana e, ke motlhankedi mogolo wa porofensi;
u "mateng a mahibidu" a kaya makgwafo, pelo, sebete, letswalo, lebete, leleme le tlhogo e e e sa apesiwang ya phologolo e e tlhabilweng;
v "motlhatlhobi yo o kwadisitsweng" o kaya motho yo o tshisintsweng mo go karolo 111c ya Molao, yo o kwadisitsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense ka fa tlase ga molawana 111 go dira tirelo ya tlhatlhobo ya nama mo botlhabelong bo bo rileng;
w "tlhokego ya mafelo a dijo ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo" e kaya ditlhokego tsa boitekanelo tsa kakaretso tsa mafelo a dijo le sepalangwa sa dijo, o o phasaladitsweng mo Kitsisong ya Mmuso ya No. 918 ya 30 Phukwi 1999 ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo, 1977 Molao No. 63 wa 1977;
x "mateng a a magwata" a kaya mogodu, mala, maoto le letlalo mo tlhogong a phologolo e e tlhabilweng ntle le mo lebakeng la dikolobe foo tlhogo le maoto e leng karolo ya setoto;
y "tlhatlhobo ya bobedi ya nama" e kaya tlhatlhobo, ka ngaka ya diphologolo, ya setoto le dithwe tse di tlogetsweng ka nako ya tlhatlhobo ya nama ya ntlha go ya ka Karolo VI C; mme z "yuniti" mo kamanong le maemo a bokalo mo go tlhomamiseng matheriale o o mo tiregong wa nama e khibidu, e kaya -
i leradu le le lengwe, pholo kana poo kana dinamane tse pedi;
iii dinku tse thataro kana dipodi; kana iv dikolobe tse nne tse dinnye dikolobe tse di godiseditsweng dijo kana dikolobe tse pedi tsa sepeke kana kolobe ya soseije e le nngwe.
Kopo ya setifikeiti sa kwadiso 81a
 Pele botlhabelo bo tlhomiwa ditshwantsho tsa modiro wa kago e e tshisinngwang di tshwanetse go romelwa go motlhankedi mogolo wa porofense go sekasekiwa le go rebolwa.
Mokgwa o ka ona kopo ya kwadiso ya tshiamelo ya go tlhaba e tshwanetseng go romelwa, jaaka go tshisinngwa mo karolong 81a ya Molao, ke gore mong wa tshiamelo o tshwanetse go romela go motlhankedi mogolo wa porofense yo mo lefelong la gagwe tshiamelo e beilweng -
a kopo e e tladitsweng sentle e e fitlhelwang go tswa motlhankeding mogolo wa porofense; le b sete e e feletseng ya ditshwantsho tsa modiro wa tshiamelo, fa e se kagego jaaka fa go tshisinngwa mo go 21 fa godimo.
Mokgwa wa go neelana ka taelo 102b
Mokgwa o ka ona taelo e tshwanetseng go tlhagisiwa kwa go mong wa botlhabelo jaaka o tshisintswe mo go karolo 10 (b) ya Molao ke -
a go e tlhagisa kwa go mong ka sebele;
b go e romela kwa atereseng ya poso ya mong; kana c go fekesa, ka imeile, kana ka mekgwa e mengwe ya ileketeroniki, kwa go mong yo, fa e le gore lokwalo lwa tshimologo lo gorositswe kwa go mong mo malatsing a le 7 a go romela kitsiso.
DITLHOKEGO TSA KWADISO YA BOTLHABELO JWA NAMA E KHIBIDU
Karolo 111a]
A. Matheriale wa mo tiregong le ditlhokego tse dingwe tsa dikereiti
Ditlhokego tsa botlhabelo jwa nama e khibidu ya magae
Go lebelelwa ditlhokego tse di beilweng mo go Karolo II B , gore botlhabelo bo kereitiwe jaaka Botlhabelo jwa nama e khibidu ya magae -
a matheriale wa tirego o ntse o ka se fete diyuniti tse pedi ka letsatsi;
b mafelo a tshwanetse gore a bo a ageletswe le go tlamelwa ka kgoro go laola phitlhelelo ya batho le diphologolo;
c tshiamelo ya go folosa ya pholoso e e siameng ya leruo e tshwanetse go tlamelwa;
d lesaka le tshwanetse go tlamelwa go neela leruo bonno go ya ka taolelo ya motlhankedi mogolo wa porofensi mo lebakeng lengwe le lengwe;
e mogotlha o gape o ka dirang jaaka lesaka le le ntle le le beilweng go bapa le lefelo la go tswela madi, o tshwanetse go tlamelwa;
f e tshwanetse go nna le kamore foo go tswela madi le paakanyo go dirwang;
g fa matlhabaphefo a sa tshasiwa, setswalo se se sireletsang se tshwanetse go tlamelwa;
h ditshiamelo tsa go ntsha madi a phologolo mo maemong a kgwagetso di tshwanetse go tlamelwa;
i mafelo a a ageletsweng a moselo a tshwanetse go tlamelwa go bapa le botlhabelo -
i go tshola, go tlhatswa le go tshola mateng a a magwata; le ii go tshola ditshola ka dikumo tse di sa jegeng pele di tlosiwa;
j mabati a tshwanetse go tlamelwa -
i foo diphologolo di tsenang mo botlhabelong;
ii foo dikgoropa le mateng a mahibidu a romelwang;
iii lebati foo diphologolo di tsenang mo botlhabelong di ka dirisiwang go romela fa ditirego di amologantswe ka nako; le iv magareng ga kamore ya paakanyo le lefelo la go bapa le le umakilweng mo temaneng 4i;
k ditshiamelo tsa go tlhatswa ka matsogo di tshwanetse go tlamelwa mo botlhabelong;
l seopafatsa go bapa le sejana sa botlhatswetso jwa matsogo se tshwanetse go tlamelwa;
m ditshiamelo tsa boithusetso le go tlhapa matsogo di tshwanetse go tlamelwa;
n ditshiamelo go boloka dilo tse di tlhokegang mo tiregong ya go tlhaba letsatsi le letsatsi di tshwanetse go tlamelwa;
o go rulaganngwa ga botlhabelo go tshwanetse go letla go tsosolosiwa ga tshiamelo mo isagong;
p ditshiamelo tsa go tsidifatsa go amogela bogolo matheriale wa tirego wa letsatsi di tshwanetse go tlamelwa mme bogaufi jwa ditshiamelo tse bo tshwanetse go nna bo bo jalo gore bo se itshokele maemo a boitekanelo mme a amogelege go motlhankedi mogolo wa porofensi; mme q foo ditshiamelo tsa go gatsetsa di sa tlamelelwang go lekolwa ga ditoto tse di fetileng tse dinnye kwa botlhabelong, ditshiamelo tse di jalo di tshwanetse go rulaganngwa gosele ka thebolelo ya motlhankedi mogolo wa porofensi.
Ditlhokego tsa botlhabelo jwa nama e khibidu ya matheriale wa tirego o o kwa tlase
Go lebeletswe ditlhokego tse di beilweng mo go karolo II B le , tsa botlhabelo go kereitiwa jaaka botlhabelo jwa nama e khibidu ya matheriale wa tirego o o ka tlase -
a makisimamo wa matheriale wa tirego wa diyuniti tse 20 ka letsatsi o ntse o ka se fetiwe, fela fa mofuta o le mongwe fela o tlhabiwa ka letsatsi, makisimamo wa matheriale wa tirego ke -
i dikgomo, dipitse kana dikolobe tsa soseije tse di kgolwane go na le 90 kg - 20 diyuniti;
fa e le gore motlhankedi mogolo wa porofensi a ka tlhomamisetsa makisimamo o o kwa tlasenyana wa matheriale wa tirego ya botlhabelo ka go ikaega ka mothamo wa kutla, bokgoni jwa matheriale wa tirego ka ura bo bo amanang le sedirisiwa se se leng teng le ditshiamelo tse di tsenyeletsang sebaka sa go kgwageletsa le mothamo wa go tsidifatsa;
b mafelo a tshwanetse go agelelwa le go tlamelwa ka kgoro go laola phitlhelelo ya batho le diphologolo;
c ditshiamelo tsa go folosa diphologolo sentle le go tswa maemong a a farologaneng a koloi di tshwanetse go tlamelwa;
d tshiamelo foo dikoloi tse di rwalang leruo di tshwanetseng go phepafadiwa morago ga go folosa e tshwanetse go tlamelwa;
e dikutla le masaka a tshwanetse go nna teng go amogela bogolo matheriale wa tirego wa letsatsi le le lengwe;
f mafelo a a amologaneng a tshwanetse go tlamelwa foo go rathiwa, go ntsha madi le go baakanya go ka dirwang ka go tlhaloganya gore lefelo la go idibatsa le lona le ka fa tlase ga marulelo le go bapa le lefelo la go ntsha madi;
g mogotlha o o golaganyang dikutla kwa lefelong le le kganelang o tshwanetse go tlamelwa;
h botseno bo bo amologaneng bo tshwanetse go tlamelwa go amogela diphologolo tse di tlhagiseditsweng tlhabo ya tshoganyetso;
i botseno bo bo amologaneng le ditshiamelo tsa go kganela le go idibatsa di tshwanetse go tlamelelwa dikgomo, dinku kana dipodi le dikolobe, ka tatelano;
j ditshiamelo tsa go bofa diphologolo tse di rathilweng le go tswa madi mo maemong a kgwagetso di tshwanetse go tlamelwa;
k mogala wa paakanyo o tshwanetse go tlamelwa;
l mafelo a go gorogela, go bofa, go ntshetsa madi le go baakanyetsa a tshwanetse go nna a a amologaneng ntle le foo diyuniti tse robedi kana kwa tlase di tlhabiwang ka letsatsi;
m mogala wa mo mathoko kana dikgwagetsi tsa ditoto le ditshola tsa mateng, di tshwanetse go tlamelwa ditoto tse di senyegileng kana tse di tshwerweng le dithwe tse di tlhokang tlhatlhobo ya nama ya bobedi;
n kamore e tshwanetse go tlamelwa foo maboa, matlalo, moriri, ditlhogo, maoto le matheriale o o sa jegeng di tsholwang pele ga tloso, ntle le fa dikarolo tse di tlositswe mo theong e e tswelelang;
o kamore foo megodu le mala di thinthiwang, di tlhatswiwang le go bewa e tshwanetse go tlamelwa;
p dikamore tse di umakilweng mo ditemaneng n le o di tshwanetse -
i go amologana le go bapa le kamore ya paakanyo le go tshwaraganngwa mmogo ka mokgwa wa mosima, lebati kana mogogoro; le ii go nna le mabati a kwa ntle go tlosa dimatheriale tseo;
q ditsidifatsi tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelwa ka letsatsi matheriale wa tirego -
i wa dikgoropa le mateng a mahibidu, ntle le fa mateng a mahibidu a tlositswe go tswa botlhabelong mo theong e e tshwelelang fela mo diureng tse nne morago ga fa phologolo e e gamolotsweng, mme fa ditshiamelo tse di amologaneng di tlameletswe mateng a mahibidu; le ii ya mateng a a magwata a a tlhatsitsweng, ntle le fa mateng a a magwata a a tlhatswitsweng a tlositswe go tswa botlhabelong mo theong e e tswelelang fela mo teng ga diura di le nne morago ga fa phologolo e gamolotswe;
r foo ditshiamelo tsa go gatsetsa di sa tlamelelwang kalafi ya dikgoropa tse dinnye tse di rebotsweng kwa botlhabelong, ditshiamelo tse di jalo di tshwanetse go rulaganngwa gosele ka thebolelo ya motlhankedi mogolo wa porofense;
s lefelo la thomelo le le tlametsweng go kgaoganya dikarolo tse nne, go tlhopha le go tshwaya dikgoropa le mateng a mahibidu mmogo le lebati la go romela le tshwanetse go tlamelwa;
t botseno jwa badiri bo tshwanetse go tlamelwa mme bo tshwanetse go rulaganngwa jaaka tšhambara ya pele ya mabaka a go phepafatsa mme bo tshwanetse go tlamelwa ka dijana tsa go tlhatswa mabogo, diphasalatsa sesepa, ditshiamelo tsa go omisa diatla, setlhatswa ditlhako, setlhatswa forosekota le dikgwagetsi, le setshola matlakala, le ditsiamelo tse di amologaneng di tshwanetse go tlamela mafelo ka bobedi a a phepa le a a leswe;
u kamore ya go tšhentšha, šawara, ntloboithusetso mmogo le ditshiamelo tsa go tlhapa matsogo di tshwanetse go tlamelwa mo mafelong a batho ba ba dirang kwa botlhabelong;
v ditshiamelo tsa go jela di tshwanetse go tlamelwa le ditafole le ditulo kana dibanka mme di tshwanetse go bewa gore badiri ba se nne kana go robala mo bodilong kana go kgotlhela diaparo tsa bona tsa go sireletsa ka nako ya paka ya go ikhutsa;
w tshiamelo ya bobolokelo kana kamore ya dilo tse di tlhokegang mo tiregong ya go tlhaba ya letsatsi e tshwanetse go tlamelwa;
x fa kantoro e tlhokiwa ke mong, kamore e e amologaneng e tshwanetse go tlamelwa;
y dikamore kana ditshiamelo di tshwanetse go tlamelelwa -
i bobolokelo jwa didirisiwa tsa go phepafatsa le dimatheriale;
ii go phepafadiwa le go opafadiwa ga sedirisiwa se se sutang; le z tshiamelo foo dikoloi tsa go rwala nama di tshwanetseng go phepafadiwa e tshwanetse go tlamelwa.
Ditlhokego tsa botlhabelo jwa nama e khibidu tsa matheriale wa tirego
Go lebeletswe ditlhokego tse di beilweng mo karolong II B le , tsa botlhabelo go kereitiwa jaaka botlhabelo jwa nama e khibidu tsa matheriale wa tirego -
a di tshwanetse go nna le makisimamo wa matheriale wa tirego o motlhankedi mogolo wa porofense a ka bo tlhomamisang ka mabaka a mothamo wa kutla, bokgoni jwa matheriale wa tirego ka ura bo bo amanang le sedirisiwa se se leng teng le ditshiamelo tse di tsenyeletsang sebaka sa go kgwageletsa le mothamo wa go tsidifatsa mmogo le go tshola mateng a a makgwakgwa le mothamo wa go tsidifatsa;
b botlhabelo le mafelo di tshwanetse go rulaganngwa go amologanya mafelo a a leswe le a a phepa le ditiro;
c mafelo a tshwanetse go agelelwa go laola phitlhelelo ya batho le diphologolo le go tlamelwa ka dikgoro tse di amologaneng tsa ditiro tse di phepa le tse di maswe;
d ditshiamelo tsa go folosa diphologolo sentle le go tswa maemong a a farologaneng a koloi a tshwanetse go tlamelwa;
e tshiamelo foo dikoloi tse di rwalang leruo di tshwanetseng go phepafadiwa morago ga go folosa e tshwanetse go tlamelwa;
f dikutla le masaka di tshwanetse -
i go amogela bogolo matheriale wa tirego wa letsatsi le le lengwe;
ii go tsenyeletsa ditshiamelo tsa go kganela tsa go tlhatlhoba diphologolo ka bongwe; le iii go tsenyeletsa masaka a a emeng a le esi, a diphologolo tse di lwalang, a a agilweng gore maswe le a a tshologang go tswa mo go ona a ka se kgotlele masaka a a mabapi kana ditsela tsa mogogoro;
g mogotlha o o golaganyang dikutla kwa lefelong le le kganelang o tshwanetse go tlamelwa;
h kamore e tshwanetse go tlamelelwa go kganela, go idibatsa, go golega le diphologolo tse di tswang madi;
i botseno bo bo amologaneng le ditshiamelo tsa go kganela le go idibatsa di tshwanetse go tlamelelwa dikgomo, dinku kana dipodi le dikolobe, ka tatelano;
j botseno bo bo amologaneng bo tshwanetse go tlamelwa go amogela diphologolo tse di tlisediwang tlhabo ya tshoganyetso;
k lefelo la bogorogelo le le omileng le tshwanetse go tlamelelwa go tlama diphologolo tse di rathiwang pele di ntshiwa madi;
l mogala wa go ntshetsa madi o o isang kwa lefelong la go tswela madi le ditshiamelo tsa diphologolo tse di tswang madi mo maemong a kgwagetso mmogo le mogala wa go boa wa diketane tsa go ntshetsa madi di tshwanetse go tlamelwa;
m kamore e e amologaneng go tswa kamoreng ya go ntshetsa madi, e e nang le megala ya paakanyo e e amologaneng go tswa mogaleng wa go ntshetsa madi, e tshwanetse go tlamelwa foo paakanyo e ka dirwang;
n kamore e e amologaneng e tshwanetse go tlamelwa go tlosa boboa, go fisa letlalo, go tlosa menoto le pele ga kgamolo ya go tlhatswiwa ga dikolobe;
o dikamore tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelelwa -
i go tshwara le go tshola matlalo, boboa le matheriale o o sa jegeng pele ga go tlosiwa; le ii go tshwara le go tshola letlalo mo ditlhogong le maoto;
p kamore e mo go yona megodu le mala di gamolwang, di tlhatswiwang le go tsholwa e tshwanetse go tlamelwa;
q dikamore tse di boletsweng mo ditemaneng o le p di tshwanetse -
i go amologana le go bapa le kamore ya paakanyo le go golaganngwa ka phatlha e e tswalegang fela; mme ii di na le lebati la kwa ntle la go tlosa dimatheriale tse;
r ditsidifatsi tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelelwa ka letsatsi matheriale wa tirego -
i wa dikgoropa le mateng a mahibidu, ntle le fa mateng a mahibidu a tlositswe go tswa botlhabelong mo theong e e tshwelelang fela mo diureng tse nne morago ga fa phologolo e e gamolotsweng, mme fa ditshiamelo tse di amologaneng di tlameletswe mateng a mahibidu; le ii ya mateng a a magwata a a tlhatsitsweng, ntle le fa mateng a a magwata a a tlhatswitsweng a tlositswe go tswa botlhabelong mo theong e e tswelelang fela mo teng ga diura di le nne morago ga fa phologolo e gamolotswe;
s foo ditshiamelo tsa go gatsetsa di sa tlamelelwang kalafi ya dikgoropa tse dinnye tse di rebotsweng kwa botlhabelong, ditshiamelo tse di jalo di tshwanetse go rulaganngwa gosele ka thebolelo ya motlhankedi mogolo wa porofense;
t dikamore tse di amologaneng di tlametswe le go babalesega di tshwanetse go tlamelwa go -
i tshwara le go tshola dikgoropa tse di tsholwang, dikarolo le dithwe;
ii tshola dikgoropa tse di senyegileng le matheriale pele ga go tlosiwa go tswa botlhabelong, fela fa matheriale wa tirego wa letsatsi o le kwa tlase go na le diyuniti tse 100 kana matheriale o o senyegileng o tlosiwa mo theong e e tswelelang ka nako ya tlhabo kana setsidifatsi se se dirang se le teng sa matheriale o o senyegileng, kamore e e jalo ga e tlhokege; le iii go tlamela ditshiamelo tsa go tlhatswa ka matsogo, go tlhatsa ditlhako le go tlhatswa forosekota ka tlhamalalo di golagantswe le kamore e e boletsweng mo temaneng tlaleletso ii ya batho ba ba tshwarang matheriale o o senyegileng;
u lefelo la thomelo le tshwanetse go tlamelwa, le tlamelelwe -
i go kgaoganya dikarolo tse nne, go tlhopha le go tshwaya ditoto le mateng a mahibidu;
ii ka lebati go romela ka tsela e e jalo gore mabati a dikoloi a tla bulwa fela morago ga go tswalela lefelo; le iii go tlhomamisa gore themphereitšha ya mowa mo lefelong le ga e fete 12°C fa dikgoropa di tsholwa le go romelwa;
v botseno jwa badiri bo tshwanetse go tlamelwa mme bo tshwanetse go rulaganngwa jaaka tšhambara ya pele ya mabaka a go phepafatsa mme bo tshwanetse go tlamelwa ka dijana tsa go tlhatswa mabogo, diphasalatsa sesepa, ditshiamelo tsa go omisa diatla, setlhatswa ditlhako, setlhatswa forosekota le dikgwagetsi, le setshola matlakala, le ditshiamelo tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelela mafelo ka bobedi a a phepa le a a leswe;
w kamore ya go tšhentšha, šawara, ntloboithusetso mmogo le ditshiamelo tsa go tlhapa matsogo di tshwanetse go tlamelwa mo mafelong tsa batho ba ba dirang kwa botlhabelong mme ditshiamelo tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelelwa mafelo a a phepa le a a leswe;
x ditshiamelo tsa go ja di tshwanetse go tlamelwa, tsa mafelo a a phepa le a a leswe, ka ditafole le ditulo kana dibanka mme di tshwanetse go bewa ka tsela gore badiri ba se nne kana go robala mo fatshe kana ba kgotlhele diaparo tsa bona tsa go sireletsa ka nako ya dipaka tsa go ikhutsa;
y bonno jwa kantoro le ditshiamelo tsa boitlhapoloso di tshwanetse go nna teng gore nama e bone tlhatlhobo ya badiri;
z kamore ya bobolokelo e tshwanetse go tlamelelwa dilo tse di tlhokegang mo tiregong ya go tlhaba ya letsatsi;
aa ditshiamelo tsa kantoro di tshwanetse go amologanngwa go tswa mafelong a go ntshetsa madi le go baakanya;
bb dikamore tse di tlameletsweng tse di maleba le ditshiamelo di tshwanetse go tlamelelwa go phepafatsa mo megareng ya didirisiwa tse di sutang;
cc kamore ya dikamore ya polokelo ya didirisiwa tse di phepafatsang le dikhemikhale di tshwanetse go tlamelwa;
dd ditshiamelo di tshwanetse go tlamelelwa go phuthela, go paka le go tswalela ka polasetiki fa go kgonegang;
ee polokelo e e amologaneng e tshwanetse go tlamelelwa go phuthela matheriale le go paka matheriale, fa dimatheriale ka bobedi di tsholwa;
ff phitlhelelo kwa laboratoring e tshwanetse go kgonega; le gg tshiamelo foo dikoloi tsa go rwala nama di tshwanetseng go phepafadiwa e tshwanetse go tlamelwa.
Ditlhokego tsa matheriale wa tirego o o kwa godimo wa dipolante tsa go sega go tlhagisetsa mmaraka wa thomelontle
Bona gape melawana 33 - 38
Go lebeletswe ditlhokego tse di beilweng mo go Karolo II B le , go kereitiwa jaaka polante e e segelang thomelontle -
a di tshwanetse go nna le makisimamo wa matheriale wa tirego o motlhankedi mogolo wa porofensi a ka tlhomamisang ka mabaka a mothamo wa ditsidifatsi tse di tshotseng, bokgoni jwa matheriale wa tirego, ka ura bo bo amanang le sedirisiwa se se leng teng le ditshiamelo mmogo le setsidifatsi kana mothamo wa segatsetsi;
b mafelo a tshwanetse go agelelwa le go tlamelwa ka kgoro go laola phitlhelelo ya batho le diphologolo;
c fa nama e ikaeletswe go rekisediwa batho, ditshiamelo tse di amologaneng jaaka go tlhokwa ke motlhankedi mogolo wa porofensi di tshwanetse go tlamelwa;
d dikamore tse di nang le didirisiwa tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelelwa -
i go amogela dikgoropa tse di sa phuthelwang le nama e e ikaeletsweng go segiwa;
ii go amogelwa ga nama e e apesitsweng ka dikhatone e e ikaeletsweng go segiwa;
iii go tlosiwa ga nama go tswa mo dikhatoneng le go phuthelwa le go ntshiwa mogatsela fa go kgonega;
iv go sega le go phuthela ka themphereitšha ya mowa e e kwa tlase ga 12 oC;
v go paka, go tshwaya le go kwala ka themphereitšha ya mowa e e kwa tlase ga 12 oC;
vi go dira dikhatone tse dintšhwa tse di dirisediwang go paka nama;
vii go romelwa ga nama e e phuthetsweng e e pakilweng ka themphereitšha ya mowa e e kwa tlase ga 12 oC;
viii go romelwa ga ditoto tse di sa phuthelwang le nama ka thempheritšha ya mowa e e kwa tlase ga 12 oC; le ix go tlhatswa le go opafatsa sedirisiwa;
e ditshiamelo tsa polokelo ya bontsi e e amologaneng kana dikamore di tshwanetse go tlamelela -
i matheriale wa go phuthela; le ii matheriale wa go paka;
f ditshiamelo tsa polokelo tse di amologaneng kana dikamore di tshwanetse go tlamelela dilo tse di mo tirisong letsatsi le letsatsi, jaaka -
i sedirisiwa sa letsogo;
iii diaparo tse di phepa tsa go sireletsa; le iv dimatheriale tsa go phepafatsa le dikhemikhale;
g ditsidifatsi tse di amologaneng kana digatsetsi di tshwanetse go nnela teng -
i dikgoropa tse di sa phuthelwang le nama;
iii go tshola nama e e gatsetseng fa go tlhokega; le iv go thuba nama e e gatsetseng fa go tlhokega;
h ditshiamelo tsa botlhapelo le matlo boithusetso di tshwanetse go tlamelwa mme ditsela tsa phitlhelelo go ya kamoreng ya go sega di tshwanetse go nna ka fa tlase ga marulelo;
i botseno jwa badiri bo tshwanetse go tlamelwa mme bo tshwanetse go rulaganngwa jaaka tšhambara ya pele ya mabaka a go phepafatsa mme bo tshwanetse go tlamelwa ka dijana tsa go tlhatswa mabogo, diphasalatsa sesepa, ditshiamelo tsa go omisa diatla, setlhatswa ditlhako, setlhatswa forosekota le dikgwagetsi, le setshola matlakala, le ditshiamelo tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelela mafelo ka bobedi a a phepa le a a leswe;
j) diphepafatsi le metsi ka 82(C di tshwanetse go tlamelelwa kana, jaaka thefosano, mokgwa wa go fetolaka foo sedirisiwa se se tshotsweng ka letsogo se tsewang mo nakong e e tlwaelegileng le go phepafadiwa mo tshiamelong ya setheo sa go phepafatsa di ka dirisiwa, ka go tlhaloganya gore diphepafatsi tsa tshoganyetso tse di beilweng ka maano di santse di tlhokega;
k ditshiamelo tsa go ntsha go laola phufudi di tshwanetse go tlamelwa.
B. Ditlhokego tsa kagego
Ditlhokego tsa botlhabelo botlhe mmogo le dipolante tsa go sega tse di rebotsweng tsa thomelontle le diyuniti tsa polokelo tse di tsididi
Kakaretso
Mafelo a tshwanetse go nna a thulaganyo e e jalo, kago le pheleletso mme a tshwanetse go tlamelwa jalo, mo maemong a a jalo le go bewa jalo gore a ka dirisiwa ka dinako tsotlhe ka mabaka a se a se diretsweng, tlameletsweng le tlhomeletsweng -
a ntle le go tlhola kotsi ya boitekanelo; le b ka mokgwa o o jalo gore nama -
i e ka tsholwa ka go itekanela mo mafelong a kana ka sedirisiwa mo mafelong; mme ii e ka sirelediwa ka mokgwa o o gaisang o o leng teng kgatlhanong le tshenyego kana go senngwa ke matlhole, digase tse di tshwenyang, diphufudi, menkgo, mosi, dipeeletso tsa mosidi, lerole, bongola, ditshenekegi kana malwetse a mangwe kana ka tshenyego e nngwe ya sebele, khemikhale kana ya baoloji kana kgotlhelego.
Mafelo
 Dikarolo tsotlhe mo lefelong di tshwanetse go dirwa gore di se nne le lerole le seretse.
Tshiamelo e tshwanetse go direlwa kgamolo ya metsi a a phunyegileng.
Botlhabelo bo tshwanetse go tlamelwa ka tsela ya kgamolo e e tswaletsweng go ka latlha tse di tshologang le meselomaswe.
Mafelo a dikoloi tse di pegang le tse di folosang a go romela le go amogela nama a tshwanetse go thibelelwa, go direlwa mokwakwa, go mina metsi le go direlwa marulelo.
Kelelo e e kgabaganyang
Mafelo le meago di tshwanetse go rulaganngwa go tlhomamisa gore -
a mafelo a a phepa le a a leswe le ditiro di amologantswe;
b ga go na kelelo e e kgabaganyang magareng ga mafelo a a phepa le a a leswe le ditiro tse di diragalang;
c matheriale o o sa jegeng kana o o senyegang o ka tlosiwa bonolo mo theong e e tswelelang go tloga mafelong foo matheriale o o jegang o tsholwang; le d nama e e tshotsweng e ka tsholwa le go tlhatlhobiwa ntle le go senya nama e e rebotsweng tlhokego tsa bokafagare jwa moago le dikamore
Mo botlhabelong foo nama le dikumo tsa phologolo di tsholwang le mo matlo boithusetsong, dikamore tsa go tšhentšhela le ditshiamelo tsa go jela -
a dikamore tsotlhe di tshwanetse go nna tsa disaese tse di jalo gore di se ise maemo a boitekanelo tlase;
b bodilo le matantabelo di nne-
i borethe, di se dutle, di emelelane le konalo le kgogolego mme di se reledise; le ii di tlhoke diphanyego le ditomaganyo tse di bulegileng c thulaganyo ya kgamolo ya bodilo le kago -
i e tshwanetse go tlhomamisa gore bodilo bo thulame ka thulamo e e seng kwa tlase ga 1:60 go ya dintlheng tsa kgamolo kana dikanala;
ii e tshwanetse gore dikanala di tsholole go tswa mafelong a a phepa go ya a a leswe;
iii e tshwanetse go nna jalo gore dikanala tsa kgamolo di nne borethe, di se dutle, di tlhatswege le go tlamelwa ka lentle le le magwata kana le le dii khurumelang; le iv e tshwanetse go tlamela meselo e e tshololang ka dirai tse di popota mmogo le mekgwa go thibela phitlhelelo ya menkgo ya selomi le e e seng monate ka mo teng ga botlhabelo;
d difatla tsa lebota tsa ka fa gare, dikarolo le dipilara di tshwanetse go i nna borethe, di sa dutle, di tlhatswege le go nna mmala o botlhofo;
ii nna kgolokwe kwa leboteng, mmogo le lebota go ya leboteng, marakanelo ka sedikisi sa 50 mm; le iii nna kgolokwe mo lebakeng la mabota le dikarolo tse di seng bogodimo jwa seling;
e dikago tsa marulelo tsa ka fa gare kana diseling, di tshwanetse go nna borethe, di se dutle, go nna mmala le go tlhatswega;
f mabati le setshwara lebati di tshwanetse go nna borethe, di se dutle, di thibele selomi, mmala o o botlhofo le go emelelana le kgogolego;
g botseno jwa badiri bo tshwanetse go nna le mabati a a itswalang le go tlamelwa ka dijana tsa go tlhapa diatla, setlhatswa ditlhako le ditshiamelo tsa go tlhatswa forosekota le dikgwage tsa forosekota;
h mesima e e nang le sekhurumelo, fa e tlametsweng, e tshwanetse go nna le losi lo lo kwa fatshe lo lo sekameng lo lo thulametseng go ya letlhakoreng le le maswe, le dikhurumelo tse di itswalelang di tshwanetse go tlamelwa fa go le maleba;
i kanala e e mokong e tshwanetse -
i go nna borethe, mmala o o botlhofo le go emelelana le kgogolego;
iii go phepafatsega mmogo le boleele botlhe ba teng; le iv go amologanela nama, matheriale o o sa jegeng le matheriale o o senyegileng, ka tatelano;
j matlhabaphefo -
i a tshwanetse go nna mmala o o bofefo, matlhomeso a a emelelanang le kgogolego mme a tshwanetse go nna a digalase;
iii a tshwanetse go nna le bothale jwa letlhabaphefo bo bo thulameng 45º; mme iv a ntse a ka se bulwe fa a golaganya mafelo a a phepa le a a leswe;
k mafelo otlhe a go direla a tshwanetse -
i go bulelelwa mowa sentle; le ii go nna le lesedi la maitirelo le la tlhago kwa boleng jwa bogolo -
l ditekanyetso tsotlhe tsa mabone di tshwanetse go tsenngwa dikhurumelo kana disireletsa galase;
m ditekanyetso tsotlhe tsa motlakase di tshwanetse go sita metsi;
n didirisiwa tsotlhe tse di pagameng lebota, dikagego le ditekanyetso di tshwanetse go nna le kgololo ya bogolo 50 mm go tloga leboteng.
Ditlhokego tsa sedirisiwa
 Sedirisiwa-
a se tshwanetse go emelelana le kgogolego le go se nne botlhole mme se ntse se ka se kgotlhele kana go ntsha sebala mo nameng;
b se tshwanetse go nna le sefatla se se borethe, se se sa dutleng le se se se nang mesima, manga le metsu mme se tshwanetse go phepafadiwa; le c se ntse se ka se senye nama ka ditugetsi.
ditshola tse di dirisiwang go tshola nama di tshwanetse go tsamaelana le molawana tlaleletso 1 mme fa matlhakore le botlase di agilwe ka diphatlha di tshwanetse go rulaganngwa gore nama e se tlhagelele ka diphatlha kana e kopane le bodilo.
Ditlhokego tsa matloboithusetso le dikamore tsa go tšhentšha
 Matloboithusetso le tsa meroto di tshwanetse go bewa mo kamoreng e e amologaneng ka botseno go tswa dikamoreng tsa go tšhentšha.
Matloboithusetso otlhe a tshwanetse go tlamelwa ka setshwara pampiri boithusetso, dijana tsa go tlhapela diatla, ditshela sesepa ka sesepa sa seeledi sa go bolaya megare le ditshiamelo tsa go omisa diatla.
Dikamore tsa go tšhentšha le matloboithusetso di ntse di ka se nne le phitlhelelo e e tlhamaletseng go tsena mo lefelong kana kamoreng foo nama e diriwang.
Badiri ba tshwanetse go tlamelwa ka bobolokelo diaparo tse mo go tsona go ka bolokiwang diaparo tsa poraefete ka kamologano go tswa diaparong tsa tshireletso, go tlhomamisa gore diaparo tsa poraefete le diaparo tsa tiro tse di phepa tsa go sireletsa ga di kopane.
Badiri ba tshwanetse go tlamelwa ka ditshiamelo tsa tshita ntsi tse mo go tsona ba ka bayang dijo.
Diopafatsi
 Diopafatsi di tshwanetse go fitlhelelwa bonolo mme di tshwanetse -
a go bewa mo dipolateforomong tsa go ipaakanya le fa gare ga dimetara tse tharo tsa diteišene tsa tiro, go bapa le dijana tsa go tlhapela diatla mo dikamoreng le mafelong foo -
i diphologolo di tlhabiwang;
ii Dikgoropa, nama le mateng di beilweng;
iii matheriale o o senyegileng go dirwa ka ona; kana iv nama e tsholwa ka tsela e nngwe;
b go emelana le kgogolego mme e kgona go opafatsa didirisiwa tsa diatla le sedirisiwa, jaaka disegi le disaga, kwa themphereitšheng ya 82°C ka nako ya go tlhaba; le c go nna le mosela, go tshologa le lesoba mme di tshwanetse go minolosetsa go ya fatshe go ralala peipi ka tlhamalalo go ya mo mokgweng wa kgamolo e e tswalegileng kana go ya mo kanaleng e e bulegileng, fela kgamolo e e jalo metsi a ntse a ka se elelele mo bodilong go ralala mafelo foo pharakano e diragalang.
Mokgwa ofe o mongwe wa opafatso o tshwanetse go rebolwa ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Dijana tsa go tlhapela diatla
Dijana tsa go tlhapela diatla di tshwanetse go fitlhelelwa bonolo le go -
a bewa mo dipolateforomong tsa go ipaakanya le mo gare ga dimetara tse tharo tsa seteišene sa tiro mo dikamoreng le mafelong foo -
i diphologolo di bolawang;
ii dikgoropa, nama le mateng di bewang;
iii matheriale o o senyegileng o lebelelwang; kana iv nama ka mokgwa mongwe e lebelelwang;
b emelelana le kgogolego;
c tlamelwa ka dipompo tse di sa dirisiweng ka letsogo kana sekgono;
d tlamelwa ka metsi a a bolelo a a tsamayang a a seng kwa tlase go na le 40 º C;
e tlamelwa ka mosela, go tshologa le lesoba mme di tshwanetse go minolosetsa go ya fatshe go ralala peipi ka tlhamalalo go ya mo mokgweng wa kgamolo e e tswalegileng kana go ya mo kanaleng e e bulegileng, fela kgamolo e e jalo metsi a ntse a ka se elelele mo bodilong go ralala mafelo foo pharakano e diragalang; le f lekanyediwa ka setsholola sesepa sa seedi sa sebolaya megare mmogo le ditshiamelo tsa go omisa diatla, ntle le fa go omisiwa ga diatla go sa tlhokege mo lefelong foo sejana se beilweng.
Dikhaboto tsa go tlhatswetsa forosekota
Dikhaboto tsa go tlhatswetsa forosekota, tse di tlhokegang kwa tlase le kwa godimo ga botlhabelo jwa matheriale wa tirego, di tshwanetse go tsengwa gaufi le diteišene tsa tiro mme di agiwe gore di gase go tswa mo go tlhatsweng ga badiri diforosekota tsa bona fa ba di apere mme di tshwanetse go mina ka tlhamalalo go ya mokgweng wa kgamolo.
Tlamelo ya metsi
 Metsi a tshwanetse go nna ka fa tlase ga kgatelelo, mme e dumalane bogolo go Class II go ya ka maemo a SANS 241 a go nwa metsi.
Dintlha tsa metsi di tshwanetse go tlamelwa le -
a metsi a a tsididi;
b metsi a a seng kwa tlase ga 40º C le go tlamelelwa ka dipeipi tsa metsi tsa go phepafatsa mafelo otlhe a botlhabelo; le .
c sebofa peipi go boloka dipeipi kgakala go tswa boalong ntle le fa dipeipi tse di ttsepameng di tlametswe.
Ditshola tsa tse di sa jeweng, tse di senyegileng le matheriale wa go latlhiwa
 Ditshola tse di thibelang bogodu le go dutla ka dikhurumelo tse di tshwarang mo go lekaneng, go tsamaisana le molawana 14, di tshwanetse go tlamelwa go tshola le go rwala matheriale o o senyegileng mme di tshwanetse go tshwaiwa sentle "DI SENYEGILE".
Ditshola di tshwanetse go tlamelwa go kgobokanya le go tshola matheriale o o sa jegeng go fitlha o latlhiwa.
Ditshiamelo go tsaya le go tshola madi pele ga go latlhiwa di tshwanetse go tlamelwa.
Ditshola tsa maswe di tshwanetse go tlamelelwa go rwalwa ga maswe ka kakaretso kwa dikarolong tse di farologaneng mo lefelong.
Mafelo koo ditshola tsa maswe kana dilatlhwa di tsholwang pele ga go tlosiwa a tshwanetse go se sutlhelele, a thibelege le go gamolega mme ditshola di tshwanetse go bo di tswalegile kana di tsentswe dikhurumelo tse di di tshwarang.
Ditlhokego tsa tlaleletso tsa matheriale wa tirego wa tlase le godimo wa botlhabelo jwa nama e khibidu
Matantabelo a go folosa [Bona gape molawana 66]
Matantabelo a go folosa, a a sutang kana a a emeng -
a a tshwanetse go agiwa jalo go thibela kgobalo ya diphologolo ka nako ya go folosiwa le go tlamela lefelo le le tsepameng go etleetsa motsamao o o phuthologileng wa diphologolo;
b a se nne le diphatlha tse di bulegileng magareng ga matantabelo a a folosang le koloi;
c a tshwanetse go nna kwa bogodimong bo bo tshwanang le jwa koloi e a e dirisediwang.
d a tshwanetse go nna le dithapo tsa go kaela;
e a tshwanetse a nne le bodilo bo bo sa releleng jwa leruri kwa thulamong e e sa feteng 20o;
f a se nne le mathoko a a tlhagelelang a a bogale kana dibopego dife tse dingwe tse di ka bakang kgobalo; mme g a tshwanetse go nna le lesedi la maitirelo le le lekaneng fa diphologolo di folosiwa bosigo.
Dikutla le masaka a a tsholang [Bona gape melawana 67; 68]
Dikutla le masaka a a tsholang -
a di se atamele ka go feta dimetara tse thataro go tloga foo, mme di se bewe kwa godimo go feta botlhabelo;
b di tshwanetse go agiwa ka matheriale o o phepafatsegang, o o sa kolobeng le o o tshwarelelang;
c di tshwanetse go agiwa jalo le go tshegediwa go thibela kgobalo ya diphologolo;
d di tshwanetse go nna le matlhakore a a seng kwa tlase ga 1.8 m ka boleele mo dikgomong le dipitseng le metara o le mongwe mo dinkung, dipoding le dikolobeng;
e di tshwanetse go nna le bodilo jwa leruri bo bo thibegang le bo bo gamolegang;
f di tshwanetse go agiwa jalo go dira dikhurumetsa bodilo le moselo go se theledise;
g di tshwanetse go tsenngwa dikgoro tse di leng bophara jwa go lekana minimamo wa 800 mm mo dinkung, dipoding, dinamaneng le dikolobeng le 1800 mm mo dikgomong le dipitseng;
h di tshwanetse go direlwa marulelo foo dikolobe le dinku kana dipodi di bewang;
i di tshwanetse go tlamelwa ka dithimotso tsa metsi a a tsididi mo dikolobeng;
j di tshwanetse go tsenngwa dikiripi tsa metsi tsa bogodimo jwa 900 mm mo dikgomong le dipitseng mme 300 mm mo dinkung, dipoding kana dikolobeng kana dithoba tsa metsi tsa dikolobe;
k di tshwanetse go nna le dikarolo tsa mosutelo o o gamotsweng sentle e le mosutelo wa lesaka pele ga go tlosiwa ntle le fa mosutelo o tlosediwa ka tlhamalalo ka mo teng ga koloi;
l di tshwanetse go tlamelwa ka dikarolo tsa go tlhapelo, mathompo le ditshwaro; mme m di dirisiwe go tlhaola diphologolo tse di belaelwang mme mo tlaleletsong go tse di fa godimo di nne le mabota a a popota le kgoro mme di se gamole go kgabaganya masaka a mangwe kana go tlhagisa kotsi efe e nngwe ya kgotlelo.
Go fa diphologolo dijo
Foo diphologolo di fiwang dijo mo kutleng kana lesakeng -
a setshola bojang bo bo swabileng kana dikiripi tsa dijo tse di ka tlosiwang di tshwanetse go tlamelwa;
b ditshola bojang bo bo swabileng di tshwanetse go nna di phuthologile go tswa mo bodilong; le c dijo di tshwanetse go bewa mo kamoreng ya bobolokelo e e thibelang ditshenekegi, e e tlameletsweng ka kgethologo lebaka le fa dijo di ya go bolokelwa mo lefelong.
Mothamo wa kutla
 Palo ya diphologolo go ya ka kutla kana lesaka e tshwanetse go lekanyediwa go letla minimamo wa sebaka sa bodilo sa -
a 1.75m² ya kgomo kana pitse;
b 0.75m² ya kolobe e e boima kana namane; le c 0.50m² ya kolobe e nnye, nku kana podi.
Dikutla di tshwanetse go tlamelwa ka dikitsiso tsa leruri tse di bontshang mothamo go ya ka mefutafuta ya lesaka lengwe le lengwe.
Megogoro ya kutla [Bona gape molawana 69]
Megogoro mo dikutleng le masakeng -
a e tshwanetse go nna le bodilo jwa leruri bo bo alaolwang le go gamolwa ka tsela e e siametseng motsamao o o lokologileng wa diphologolo;
b e tshwanetse go agiwa go dira diapesa bodilo le dipeipi gore di se theledise;
c e se nne nnye go na le 1.8 m bophara mo dikgomong, dipitse le bogolo 1.0 m bophara mo dinkung, dipodi le dikolobe; mme d e tshwanetse go tsholwa sentle le go bewa e lokologile mo dilong tse di phatlhaletseng.
Megotlha kana dipeiso
 Megotlha kana dipeiso di tshwanetse go tsholwa sentle le go dirwa gore di bo di gololosegile mo dilong tse di phatlhaletseng.
Di tshwanetse go agiwa go dira diapesa bodilo le dipeipi go nna di sa theledise.
Megotlha ya go thiba dikgomo magareng ga dikutla le lefelo la go idibatsa e tshwanetse go nna le bophara ka fa gare bo bo sa feteng 0.9 m.
Megotlha e tshwanetse go dirwa gore lesaka la go idibatsa le se bonale go tswa kwa mogotlheng kana dikutleng.
Karolo e ya mogotlha kana peiso e e isang ka tlhamalalo kwa lebokosong la go idibatsa e tshwanetse go nna le matlhakore a a tiileng.
Go idibatsa, go tsholetsa le go tswa madi [Bona gape melawana 72; 73; 74; 75]
 Go thibelela batho mo mefutafuteng yotlhe ka bonako pele ga go idibatsa go tshwanetse go tlamelwe -
a lebokoso la go idibatsa, le le amogetsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba, go thibela dikgomo le dipitse;
b lesaka le le thibelang la 2m x 2m kana, bogolo, lesaka la pokanelo le le tlametsweng ka kgoro ya sekaniri go thusa phokotso ya sebaka sa bodilo sa dinku, dipodi le dikolobe;
c lesaka la go thibela kana lebokoso la go idibatsa di tshwanetse go tlamelelwa dikolobe tse dikgolo, tse di tonanyana tse di tshwenyang le dikolobe tse di namagadi; le d mokgwa ofe o mongwe wa go thibela o o dumeletsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Go idibatsa diphologolo go tshwanetse go tlamelelwe -
b sedirisiwa sa motlakase sa kidibatso; kana c sedirisiwa sengwe le sengwe se sengwe sa kidibatso se se dumeletsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Boleng jwa go direla kidibatso bo tshwanetse go bontshiwa mo sedirisiweng sa kidibatso kana mo lifelong la kidibatso.
Sedirisiwa se tshwanetse go tlamelwa go tlama le go tsholetsa diphologolo tse di idibaditsweng mo maemong, go tswa madi.
Ditshiamelo tsa go kgobokanya le go boloka madi mo ditsholeng tse di tswalegileng pele ga go tlosa le go latlha di tshwanetse go tlamelwa.
Minimamo wa go bonala ga dithapo le sedirisiwa mo mafelong a go tswela madi -
a a go tswa madi ga dikgomo, go tloga thapong go ya bodilong mo lebakeng la kota e e gagabang ke 4.8 m mme thapo e e tsetsepetseng ke 4.4m; le b a nku e e tswang madi, go tloga thapong go ya bodilong ke 2.3 m.
Ditshiamelo tsa go baakanya le go gamola
 Minimamo wa ponalo wa dithapo le sedirisiwa mo mafelong a go baakanyetsa -
a go baakanyetsa dikgomo, go tloga thapong go ya bodilong ke 3.4 m; le b go baakanyetsa dinku, go tloga thapong go ya bodilong ke 2.2m.
Go bonala magareng ga sedirisiwa le dithapo tsa go baakanya go tshwanetse mo mabakeng otlhe go nne gore dikgoropa ga di kgone sedirisiwa mme di bogolo 1000 mm go tloga maboteng.
Dithapo ka dikgwagetsi tse di tsetsepetseng kwa leboteng di tshwanetse go nna 400 mm go tloga leboteng, le nama e e kgwageditsweng go tswa dikgwagetsing tse di jalo di ka se kgome bodilo kana lebota.
Dithapo di tshwanetse go nna bogolo 700 mm go tloga dikholomong, dipilareng kana letlhakore la phatlha ya lebati e ka yona dikgoropa di tshwanetseng go feta.
Mafelo a a amologaneng a go ntshetsa madi le go baakanya a tshwanetse go tlamelwa mo botlhabelong fa go feta mefutafuta e le mengwe ya diphologolo e tlhabilwe ka nako e le nngwe.
Go karapa dikolobe, go tsenyelediwa go feleletsa le go tlhatswa kwa pele ga kgamolo, go ka dirwa fela mo lefelong la go karapa kolobe.
Ditshiamelo tsa tlhatlhobo ya nama
 Ditshola, diraka le bodilo jwa lefelo le sedirisiwa se sengwe tse di tlhokegang go tlhatlhoba nama di tshwanetse go tlamelwa mo botlhabelong.
Ditshola tse di tshwailweng, tse di dutlang le tse di tswalelwang kana mekgwa e mengwe go dira le go tshola matheriale o o senyegileng le o o sa jegeng pele ga go tlosiwa, di tshwanetse go tlamelwa.
 Ditsifatsi di tshwanetse go tlamelwa go tshola bogolo tlhabo ya letsatsi ya matheriale wa tirego.
Minimano wa ponalo ya dithapo mo ditsidifatsing le digatsetsing -
a wa dikgomo le dipitse kana dinku kana dipodi mo ditshegetsing ka lore lwa katoloso la go lekanya, ke 1000 mm go tloga leboteng le 900 mm magareng ga dithapo tsa sekgoropa se se fa godimo; le b wa dinku, dipodi le dikolobe, fa di kgwageditswe ka kamologane, ke 330 mm go tloga leboteng le magareng ga dithapo tsa setoto tse di fa godimo.
Go neela sebaka sa diyuniti mo moleng go tshwanetse go nne ka mokgwa wa go tlhomamisa kelelo ya mowa magareng ga dikgoropa kana matlhakore ka minimamo wa 660 mm boleele jwa thapo go ya ka yuniti.
Mafelo a thomelo
Mafelo a thomelo a tshwanetse go tlamelelwa -
a go nna le lefelo, go rulaganya ka lenaneo le go pega dikgoropa;
b go kgobokanya le dipalangwa, go efoga kelelo e e kgabaganyang kana e e kgatlhanong, ya dikgwagetsi tse di bofelelang kwa tshiamelong ya phepafatso; le c opafatso ya disaga le didirisiwa tse dingwe tsa go sega.
C. Ditlwaelo tsa tsamaiso ya boitekanelo le merero e e amaneng
Go tshola mateng
Mateng a Mahibidu
 Mateng a mahibidu a tshwanetse go tlhatswiwa ka metsi a a phepa a a tsamayang, a kgwagediwe mo dikgwageng kana a bewe mo ditsholeng le go tsidifadiwa mo mateng a mahibidu kana setsidifatsing se se gatsetsang, go fitlhelela themphereitšha ya bogare e e kwa tlase ga 7o C mo teng ga diura tse 16, fela a tlhoka gore a se tsidifadiwe kwa botlhabelong fa a romelwa mo mokgweng o o tswelelang kwa ditshiamelong tse di tsidifatsang, bogaufi bo bo sa tshwanelang go tlogelela maemo a boitekanelo le go amogelwa ke motlhankedi mogolo wa porofensi le mo maemong a gore tsela e e amologaneng ya thomelo e tlametswe.
Mateng a mahibidu a se bolokiwe, kana a kopane le mateng a a magwata.
Kamologano e e yang pele, go sega le go paka mateng a mahibidu di tshwanetse go dirwa mo lefelong kana kamore e e amologaneng.
Foo mateng a mahibidu a pakiwang mo dikhatoneng, ditsholeng kana dikgetseng tsa polaseteki go romelwa, go tsidifatsa kana go gatsetsa -
a go ka dirwa fela mo lefelong kana kamore e e amologaneng mme sedirisiwa se tshwanetse go tlamelelwa tiro e;
b ditshiamelo tsa polokelo ya dikgetse tse di phepa tse di se nang sepe kana ditshola, go dirisiwa letsatsi le le lengwe, di tshwanetse go tlamelwa; mme c ditshiamelo tsa polokelo ya bontsi di tshwanetse go tlamelelwa go paka matheriale.
Mateng a khatone a se bolokiwe mo setsidifatsing se se tshwanang le dikgoropa kana mateng a a seng mo khatoneng.
Go tlhatswa mateng a a magwata
 Mateng a a magwata a tshwanetse go tlosiwa go tswa kamoreng ya paakanyo go ya kamoreng ya mateng ka tlhamalalo e e bapileng le go golaganngwa teng, morago ga go fetisiwa, foo megodu le mala a tshwanetseng go -
a amologantshiwa le go gamolwa diteng tsa teng;
b tlhatswiwa ka metsi a a phepa a a tsamayang; le c kgwagetsa mo dikgwageng go tsidifatsa le go omisa pele le ka nako ya go tsidifatsa.
Sedirisiwa se tshwanetse go tlamelwa go gamola dijo tse di sa tlhafuniwang le mala mme dijo tse di sa tlhafuniwang le diteng tsa mala di tshwanetse go tlosiwa ka tswelelo.
Foo megodu e e tlhatswitsweng kana mala di pakiwang mo ditsholeng kana dikgetse tsa polaseteki go romelwa, go tsidifadiwa kana go gatsediwa, tshiamelo ya polokelo ya dikgetse tse di phepa kana ditshola, tsa go dirisediwa letsatsi, di tshwanetse go tlamelwa.
Mateng a a magwata a a jegang a tlhatswitswe a tshwanetse go bolokiwa mo setsidifatsing kwa thempereitšheng ya mowa e e sa feteng kwa tlase ga 2 o C, fela a se tsidifadiwe kwa botlhabelong fa a romelwa ka mokgwa o o tswelelang kwa ditshiamelong tse di tsidifatsang, bogaufi bo bo sa tshwanelang go tlogelela maemo a boitekanelo mme a dumelelwe ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Go phapefadiwa ga mateng a a magwata
 Tirego mmogo le sedirisiwa tse di dirisitsweng go phepafatsa mateng di tshwanetse go dumelelwa ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Kamore e kgolo jalo le go rulaganngwa jalo gore boitekanelo jwa tiragalo bo tlhomamisiwe, bo tshwanetse gbo tlamelwe go phepafatsa megodu.
Ditshola tse di amologaneng di tshwanetse go dirisediwa megodu e e iseng e phepafadiwe, le e e phepafaditsweng.
Mateng a a phepafaditsweng a tshwanetse go tlosiwa morago ga go a phepafatsa.
Dikamore tse di amologaneng di tshwanetse go tlamelelwa -
a go tlosa boboa mo ditlhakwaneng tsa dikgomo le ditlhogo tsa dinku le maoto; le b go tlosa letlalo, go tlosa nama le go phatlola ditlhogo mmogo le go kopanya le go paka maboko.
Fa dikumo tse di phepa tse di ntshitsweng mo ditlhogong di pakiwa mo ditsholeng kana mo dikgetseng tsa polaseteki go romelwa, go tsidifatsa kana go gatsedisa -
a go ka dirwa fela mo kamoreng e e amologaneng kana lefelo le didirisiwa di tshwanetse go tlamelelwa tiro e; le b tshiamelo ya polokelo ya dikgetse tse di phepa kana ditshola, tsa go dirisediwa letsatsi, di tshwanetse go tlamelwa.
Fa mateng a a magwata a phepafaditsweng a pakiwang mo ditsholeng kana dikgetseng tsa polaseteki go romelwa, go tsidifatsa kana go gatsetsa -
a go ka dirwa fela mo kamoreng e e amologaneng kana lefelo le didirisiwa di tshwanetse go tlamelelwa tiro e; le b tshiamelo ya polokelo ya dikgetse tse di phepa kana ditshola, tsa go dirisediwa letsatsi, di tshwanetse go tlamelwa.
Mateng a a phepafaditsweng le nama ya tlhogo e e phepa di tshwanetse go bolokiwa mo setsidifatsing kwa thempereitšheng ya mowa e e sa feteng kwa tlase ga 2 o C, fela di se tsidifadiwe kwa botlhabelong fa di romelwa ka mokgwa o o tswelelang kwa ditshiamelong tse di tsidifatsang, bogaufi bo bo sa tshwanelang go tlogelela maemo a boitekanelo mme di dumelelwe ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Ditsamaiso tsa go sega kwa dipolanteng tsa go sega tse di tlhagisetsang mmaraka wa thomelontle
Bona gape molawana 7
Kakaretso
 Ke dikgoropa kana nama e e tlhatlhobilweng le go fetisiwa e e ka tlhagisediwang go sega.
Fa dikgoropa kana nama e amogetswe go tswa motsweding go na le botlhabelo bo bo mo lefelong, motlhatlhobi o o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhomamisa gore -
a dikwalo tse di amanang le tlhago ya nama e e jalo di teng;
b tlhatlhobo ya nama e ne ya dirwa mo nameng e e jalo le gore e ne ya fetisiwa; le c) ketane e e tsididi e ne ya tshegediwa le gore themphereitšha ya nama ya bogare ke 7 (C kana kwa tlase.
Nama yotlhe e e tlhagiseditsweng go segiwa e tshwanetse go gololosega mo kgotlhelegong.
Ga go nama e e bontshang matshwao a tshenyego e e tla segiwang.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a ka re nako nngwe le nngwe a tlhoka pakete nngwe le nngwe ya nama go bulwa gape go tlhatlhobiwa, mme a ka laolela go tswalelwa ga setshola sengwe le sengwe se se jalo se se butsweng kana khatone ka nama.
Tlhagiso ya mola e e elelang e tshwanetse go latelwa ka go efoga kelelo e e kgabaganyang, go latela mola le go kgobokanyo kana pitlaganelo ya nama kwa kgatong efe ya tirego ya tlhagiso.
Go sega
 Go sega gotlhe, go sega ka dikarolwana kana go sila go tshwanetse go rulaganngwa gore boitekanelo jwa ditiragalo tsotlhe di tlhomamisitswe.
Marapo a a tswang mo ditsamaisong tsa go sega a tshwanetse go tlosiwa ka gale go ya kamoreng e e tshwanetseng kana setsholeng se se tlameletsweng ka tlhamalalo lebaka le.
Nama e e bonweng go tswa mo go segeng mme ya fitlhelwa e sa itekanela go jewa ke motho le phologolo e tshwanetse go kgobokanngwa mo ditsholeng tse di tshwailweng sentle kana disthiamelo le go tlosiwa go tswa lefelong go ya ka Karolo VIII.
Le fa go le jalo ka molawana 36 2, nama e ka segiwa fa e le bothito fa -
a nama e fetisediwa ka tlhamalalo go tloga kamoreng ya go baakanyediwa go ya kamoreng ya go segela mo tiragatsong e le nngwe, kamore e e segelang e le mo moagong o le mongwe jaaka kamore e e baakanyetsang;
b go sega go dirwa ka bonako morago ga phetiso;
c nama e e segilweng e tsidifaditswe, kana go gatsediwa go a simolola, mo ureng e le nngwe, le d tsamaiso e e dirwa go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Go phuthela
 Matheriale o o phuthelang o ka tsholwa mo kamoreng e e segelang ka bokalokalo bo bo fetang tlhokego ya letsatsi, mme o tshwanetse go bolokelwa le go tsholwa go o tshegetsa mo maemong a a phepa go fitlha kwa nakong ya tiriso.
Nama e e bulegileng e se kgomane le dikhatone, ntle le fa dikhatone tse di bonota di dirisiwa.
Taolo ya themphereitšhara
 Themphereitšha ya mowa ya kamore foo nama e segiwang le go pakiwa e tshwanetse go tsholwa kwa go kana kwa tlase ga 12 oC.
Ka nako ya go sega, go phuthela, go sega ka dikarolo le go paka nama e e sa gatsediwang ka themphereitšha ya bogare go tshwanetse go tsholwa kwa kana kwa tlase ga 7 oC.
Nama e e paketsweng go gatsediwa e tshwanetse go bewa mo segatsetsing mo ureng e le nngwe ya go pakiwa. Segatsetsi se tshwanetse go kgona go fokotsa themphereitšha ya nama go fitlha go le kwa tlase ga 12 oC mo diureng di le 24 mme e tshwanetse morago ga foo e tshegediwe kwa themphereitšheng e e kwa kana kwa tlase ga themphereitšha le nama e e gatsediwang e ka se romelweng kwa dithemphereitšheng tsa bogare tse di kwa godimo go na le kwa tlase ga 12 oC.
Phepafatso
 Tsamaiso ya go phepafatsa le opafatso ya didirisiwa tse di sutisiwang le tse dingwe di tshwanetse go tsamaisana le Karolo II C..
Go phepafatsa le go opafatsa seatla le didirisiwa tse dingwe go tshwanetse go dirwe ka nako ya diura tsa go dira.
Tirego e e tswelelang
Tirego e e tswelelang e tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tse di beilweng mo Ditlhokegong tsa Lefelo la Dijo ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo.
Go tsidifatsa le go gatsetsa kwa botlhabelong
Bona gape melawana 28; 30 ; 31 ; 32 ; 33 (c); 36; 55(n); 105
Ditlhokego
 Go tsidifadiwa gotlhe, go gatsedisa le ditshiamelo tsa polokelo ya botsididi ya nama di tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tsa kago tsa botlhabelo tse di tshotsweng mo go Karolo II B .
Ditsidifatsi le digatsedisi di tshwanetse go tlamelwa ka dithemometara tsa tepatsatsi kana fa go tlhokiwang ke motlhankedi mogolo wa porofense, dikwala tsa themo tse di tswelelang, go neela temoso e e nepagetseng ya themphereitšhara ya mowa mo teng ga kamore.
Bokgoni jwa themphereitšhara
 Setsidifatsi se se dirisiwang go tsidifatsang ditoto tse di bothito, matlhakore, tse nne kana dikarolo di tshwanetse go kgona go tlamela go tsidifatsa go go sa kgaolediweng go fokotsa themphereitšha ya bogare ya nama go ya 7 oC pele ga go romelwa.
Nama, ditoto, dikarolo le mateng a a gatseditsweng di ka se tlosiwe go tswa segatsedising pele themphereitšha ya bogare ya kwa tlase ga 12 oC e fitlheletswe.
a Mekgwa ya go ntsha serame wa digatsedisi le ditsidifatsi e tshwanetse go thibela go agelela ga dikgapetla mo boalong jwa segare sa semoafatsi go ya maemong a a botlhokwa kwa tshegetsong ya themphereitšha.
b Foo setsidifatsi kana segatsedisi se se tshotseng nama ka nako ya tsheko ya go ntsha serame, go ntsha serame ga segare sa semoafatsi sengwe le sengwe se tshwanetse go felelediwa mo metsotsong e le 30.
c Dikgolagano tsa kgamolo ya saese e e lekaneng e tshwanetse go tlamelelwa go tswa dithereing tse di rothang tsa diyuniti tse di tsidifatsang mme di tshwanetse go isa kwa maemong a lefatshe ka fa ntle ga kamore kana ka tlhamalalo go ya mo mokgweng wa kgamolo.
Setsidifatsi kana segatsedisi se tshwanetse go nna le kitsiso ya leruri e e bonalang e e tsepameng ka fa ntle, se tlhalosa -
a mothamo wa kubiki ya kamore;
b mofuta wa kumo o o ka tsidifadiwang, wa gatsediwa, wa nna serame kana wa bolokelwa mo teng;
c makisimamo o o dumelesegang wa morwalo wa kumo ka dikilogerama kana palo ya dikgoropa tsa kamore eo;
d themphereitšha ya bofelo e e tlhokegang ya nama mo dikeriing tsa Celsius le nako ya minimamo wa paka ya nako, mo diureng, e e tlhokegang mo themphereitšheng go fitlhelelwa; mme e mo lebakeng la polokelo ya setsidifatsi kana segatsedisi, mokgwa wa boleng jwa themphereitšha ya makisimamo o o dumelesegang o kwa go ona namae ka tlhagisiwang.
Ditiragatso tsa ditsidifatsi le digatsetsi
 Nama e tshwanetse go tsidifadiwa mo maemong a kgwagetso go tlhomamisa kgadikano ya mowa kana, fa e pakilwe mo ditsholeng, e tlhatlhaganngwe gore e tlhomamise go tlhomamisa kgadikano ya mowa.
Go se nne nama e e tlhatlhaganngwang ka tlhamalalo mo bodilong.
Ditoto tse di bothito di ka se tsenngwe mo setsidifatsing se se tshotseng nama e e tsidifaditsweng.
a Ga go sekgoropa kana nama e e sa itekanelang go jewa ke motho kana e ka nna le ditlamorago tsa botlhokwa mme nama e nngwe e ka bolokelwa mo setsidifatsing kana segatsedising se se tshotseng dikumo tse di jewang.
b Sekgoropa kana nama e tshwanetse go tlosiwa ka bonako fa e senyega go fitlha kwa maemong jaaka a a tlhomamisitsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Go se nne nama e e butsweng e e ka bolokelwang mo setsidifatsing kana segatsedising se se tshotseng dikumo tsa khatone.
Mateng a a magwata a ka bolokelwa mo segatsedising se se tsholang se se nang le ditoto, nama kana mateng a mahibidu, ntle le fa dikumo tsotlhe tse, go tsenyelediwa mateng a a magwata, a phuthetswe le go pakiwa.
Ga go selo se e seng sejo kana kumo go na le nama se se ka bolokelwang mo setsidifatsing kana segatsedising ntle le fa e le mo lebakeng la go tshola digatsedisi, foo thebolelo e abilweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Kgapetla
 Tiriso ya dikgapetla jaaka setsidifatsi mo botlhabelong e ikaegile ka thebolelo ya mokgwa wa motlhankedi mogolo wa porofense.
Dikgapetla, tse di tsentsweng mo mokgweng ofe le ofe kana sedirisiwa, tse di dirisiwang go tsidifatsa nama di tshwanetse go dirwa go tswa metsing a a sutang.
Sedirisiwa kana ditsela tse di tsenngwang dikgapetla jaaka setsidifatsi sa nama se tshwanetse go rulaganngwa le go dirisiwa ka mokgwa o o jalo gore metsi a a gakologang mo dikgapetleng ga a ne a ama kumo ka tsela e e seng yona kana mafelo a a bapileng.
Phepafatso le taolo ya ditshenekegi
 Didirisiwa tse di diriswang mo ditsidifatsing, digatsedising kana ditshiamelo tsa polokelo tse di tsididi, tse di ka kopanang ka tlhamalalo le nama di tshwanetse go tsholwa mo maemong a a phepa a a itekanetseng, mme tlamelo e tshwanetse e dirwe go phepafatsa le go opafatsa didirisiwa tse di jalo ka tlhamalalo morago ga tiriso.
Popego ya dikgapetla mo digatsedising e tshwanetse go thibelwa mme digatsedisi di tshwanetse go gaokolosiwa dikgapetla le go phepafadiwa kgapetsa jaaka go ka tlhokiwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Digatsedisi le ditsidifatsi di tshwanetse go lokologa go tswa ditshenekeging, mouta le kgolo ya baketeria.
Ditsidifatsi, digatsedisi le ditshiamelo tsa polokelo e e tsididi di tshwanetse go lokologa go tswa menkgong e e ka monyiwang ke nama.
Ditsidifatsi mo tirisong ya ka gale di tshwanetse go phepafadiwa ka bonako morago ga go romela nama yotlhe.
Direkoto
 Direkoto tsa taolo ya themo di tshwanetse go nna teng ka kopo ya motlhankedi mogolo wa porofense kana motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Diteko di tshwanetse go dirwa go ya ka ditlhokego tsa Mokgwa wa Tsamaiso ya Boitekanelo mo tirisong.
Go tsenya ditoto le nama go rwalwa ka sepalangwa
Go pega le go romela ka kakaretso
 Koloi e e dirisediwang go tsamaisa nama e tshwanetse go tsamisana le ditlhokego tse di beilweng mo Ditlhokegong tsa Mafelo a Dijo ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo.
Mateng a a magwata a se tsenngwe mo sebakeng se le sengwe sa go tsenya jaaka ditoto, dikarolo kana mateng a mahibidu, ntle le fa mateng a a magwata a tshotswe phepa, ditshola tse di thibelang metsi ka dikhurumelo tse di tswaletsweng ka tiisetso, di tsamaelana le ditlhaloso tsa didirisiwa jaaka di beilwe mo go Karolo Part II B1.
Ga go dikumo tsa khatone tse di tla tsenngwang mo lefelong le le lengwe la go tsenya jaaka nama e e bulegileng.
Ditoto tsa nama e khibidu e e tsidifatsang, matlhakore le a mane a tshwanetse go kgwaagediwa ntle le go kgoma lefatshe.
Ga go nama e e sa phuthelwang e e tla folosediwa ka tlhamalalo mo godimo ga bodilo.
Fa go tlhokiwang ke motlhankedi mogolo wa porofense, mokgweetsi wa koloi e e rwalang nama e tshwanetse go tlamela leina, aterese le dintlha tsa kgolagano tsa mong wa koloi.
Nama e e busediwang kwa botlhabelong kana tshiamelo ya polokelo ya botsididi e ka amogelwa fela morago ga tlhatlhobo gape ka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, mme e ka siamisiwa le go bolokela go jewa ke motho ka fa tlase ga maemo a a tlhomamisitsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Go rwalwa ga nama ke bagwebi ba ba seng ka fa molaong go tshwanetse go laolwe ke porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense fela kwa ntle ga go tlogelela boitekanelo kana maemo a pabalesego.
) Phepafatso Bona gape melawana 14 - 17; 55(h)
Metsi le didirisiwa
 Go tshwanetse go nne teng mabaka a phepafatso -
a metsi a a sutang kana a a nowang;
b metsi a a bolelo mo themphereitšhareng ya minimamo wa 82°C mo diopafatsing tsa go bolaya ditwatsi mo didirisiweng tsa seatla;
c metsi kwa go 40°C kwa dijaneng tsa go tlhapa matsogo go tlhapa matsogo; le d metsi kwa go 40°C ka mabaka a go phepafatsa ka kakaretso.
Mong o tshwanetse go tlamela didirisiwa tsotlhe tse di tlhokelwang phepafatso.
Mananeo a go phepafatsa
 Mananeo a phepafatso a tshwanetse go rebolwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Tlhagiso ya lenaneo la morago la phepafatso le le feletseng le tshwanetse gore le be le fedile le na le -
a lenane la mafelo otlhe le dikamore go phepafadiwa;
c ditsamaiso tsa kgato ka kgato tsa go phepefatsa tsa lefelo lengwe le lengwe, kamore kana didirisiwa tse di tsenyeletsang ditshiamelo tsa botlhapologo, dipalangwa tsa nama le dikutla;
d dipampiri tsa dikhemikhale tse di dirisiwang di tshwanetse go tlamelwa ka tshupelo go dirisa mo dipolanteng tsa nama, metswako e e dirang, dikelo tsa tswapolo le ditiragatso;
e ditlamorago, go tsenyelediwa tlhokomediso ya thutatshelo nnye, go bonwa jaaka maikaelelo a lenaneo la phepafatso; le f dtlhaloso tsa tiro le lenaneo la katiso go baphepafatsi botlhe.
Mananeoa a tshwanetse gore a bo a le mo mannong ka go phepafiwa go go tswelelang ka nako -
a ya dipaka tsa tiro;
b ya boikhutso; le c ya diphetogo tsa šifiti.
Phepafatso e tshwanetse go simolola ka bonako morago ga tlhagiso ya letsatsi kana šifiti e fedile, fela ga go phepafatso e e ka simololang mo lefelong lepe pele nama yotlhe e e jewang le dikumo tsa diphologolo di tlositswe go thibela kgotlhelo.
šifiti e ntšhwa e ka se simolole pele mafelo otlhe, dikamore le didirisiwa di phepefaditswe le go bolaya megare mme lenaneo la go tlhokomedisa pele ga tlhagiso le le nonofileng le tshwanetse go nna mo mannong go tlhomamisa bophepa jwa ditshiamelo tsotlhe pele tlhagiso e simolola.
Ditsidifatsi le Digatsedisi
 Ditsidifatsi di tshwanetse go phepafadiwa pele morwalo wa nama e e foreše o tsenngwa.
Ditsidifatsi di se phepafadiwe fa di tshotse nama.
Digatsetsi di tshwanetse go ntshiwa dikgapetla le go phepafadiwa thata bogolo gangwe ka ngwaga kana kgapetsa fa go tlhokiwa ke motlhatlhobi o o kwadisitsweng.
TSAMAISO YA BOITEKANELO LE MEKGWA YA TSHEKATSHEKO
Karolo 111e]
Tsela ya Tsamaiso ya Boitekanelo (HMS)
Mong wa botlhabelo o tshwanetse -
a go tlamela motlhankedi mogolo wa porofensi ka Tsela ya Tsamaiso ya Boitekanelo e e kwadilweng e e tshotseng tshedimosetso e e feletseng ka tekanyetso ya taolo kana mananeo a a tlhokegang go tlhokomela dikarolo tse di lemogilweng tsa taolo, go tsenyeletsa mekgwa ya go tlhokomela kana go tlhola dikarolo tse tsa taolo, go bona thebolelo;
b go tlamela direkoto tse di maleba tsa temogo, go dira diteko, ditekanyetso kana dipoelo;
c go tlamela mananeo a go sampola ditshekatsheko tsa laboratori, mmogo le maina a dilaboratori go dira ditshekatsheko tse di tlhokegang;
d go tlamela diakhaonto tse di kwadilweng tsa ditshwetso tse di amanang le ditshwetso tse di siamisang fa di tsewa; le e go tlhatlhoba maemo a boitekanelo jwa botlhabelo ka mokgwa wa Tsela ya Tlhatlhobo ya Boitekanelo HAS le go tlamela dipoelo kwa motlhankeding mogolo wa porofensi go netefetsa kgapetsa jaaka a ka tlhokega.
Mokgwa wa tsamaiso ya dikwalo
Mokgwa wa tsamaiso ya dikwalo o tshwanetse go tlamelwa -
a go bonwa ga dikwalo tse di amanang le setlhopha se se lemogilweng sa go tlhaba;
b go kwalwa ga setlhopha sa tlhabo nngwe le nngwe se se tshotseng tshedimosetso malebana le letlha la tlhabo, mefuta e e tlhabiwang, bontsi, dipalo, temogo le bogorogelo jwa dikgoropa mmogo le nama e e segilweng; le c kumo e e kwadilweng ya kgakololo ya tsamaiso e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Leano la taekaeramo ya botlhabelo
Mong o tshwanetse go siamisa leano la taekeramo e e tlhabolotsweng la botlhabelo go tsenyeletsa dintlha tsa -
a mafelo otlhe a a farologaneng mo maemong mangwe le mangwe;
b dikamore tsotlhe tse di farologaneng mo lefelong lengwe le lengwe le le lemogilweng, di bontsha tirego kana tiragatso go tsenyeletsa methamo kana dikelo tsa tiragatso e e diragalang mo dikamoreng tse di jalo;
c kelelo ya kumo;
d dikagego tsa tlaleletso mo lefelong;
e themphereitšha e e tlhokegang mmogo le mothamo wa kamore nngwe le nngwe fa themphereitšha e laolwang;
f ditshiamelo tsa botlhapoloso tse di farologaneng tsa badiri mo mafelong a a phepa le a a leswe mmogo le botseno jwa badiri go ya mafelong a a farologaneng;
g botseno go ya dikamoreng tsotlhe, mafelong le meagong; le h melelwane, e e bontshang botseno le go tswa go ya le go tswa lefelong.
Taekeramo e e elelang ya tirego ya tlhabo
Mong o tshwanetse go siamisa taekeramo ya kelelo ya tirego ya tlhabo e e tshwanetseng go tsenyeletsa -
a dikgato tsotlhe tse di amegang mo tiregong, go tsenyelediwa tiego ka nako kana mo gare ga dikgato, go tswa kamogelong ya diphologolo go ya go beweng kumo ya bofelo mo mmarakeng; le b dntlha le data ya thekenikhale go tsenyelediwa kalo ya didirisiwa le dipharologantsho, tatelano ya dikgato, dikgala tsa thekenikhale tsa ditiragatso, kelelo ya dikumo, kgethololo ya mafelo a a phepa le a a leswe, tikologo ya boitekanelo jwa botlhabelo, ditsela tsa badiri le ditiragatso tsa boitekanelo, polokelo ya kumo le ditsamaiso tsa phatlalatso.
Dikotsi tse di maatla
Mong o tshwanetse go siamisa lenane la dikotsi tsotlhe tsa baoloji ya maatla, ya khemikhale kana sebopego tse di ka tlhagelelang mo kgatong nngwe le nngwe ya tirego, go tsenyelediwa -
a kgotlhelego e e sa amogelesegang kana kgotlhelego gape ya tlhago ya baoloji, khemikhale kana sebopego;
b phalolo e e sa amogelegeng kana katiso ya thuto ya malwetse a ditshedi dinnye ; le c tlhagiso e e sa amogelegeng kana go tswelela ga bolthole kana dikumo tse dingwe tse di sa eletsegeng tsa phetogopopo e nnye.
Thibelo ya dikotsi
Mong o tshwanetse go siamisa mananeo a boitekanelo a a kwadilweng (HMP) go bona thebolelo ka motlhankedi mogolo wa porofensi, go thibela, go fedisa kana go fokotsa dikotsi tse di boletsweng mo molawaneng 53 kwa maemong a a amogelegang mme o tshwanetse -
a go tlhomamisa gore mananeo a tsamaiso a kotsi nngwe le nngwe a a diragadiwa;
b go tlhomamisa ditekanyetso tse di masisi go laola dintlha;
c go tlhoma mokgwa wa go tlhokomela kana go dira teko mo karolong nngwe le nngwe ya taolo; le d go siamisa dikgato tse di siamisang tse di kwadilweng tse di tshwanetseng go tsewa ntle le tshenyo ya nako fa phapogo e lemogiwa mme kgato e e jalo e e siamisang e tshwanetse go totobatsa -
i motho yo o ikarabelelang go diragatsa kgato ya go siamisa;
ii mokgwa le kgato tse di tlhokegang mo kotsing nngwe le nngwe;
iii kgato e e tla tsewang malebana le nama e e dirilweng ka nako ya fa tirego e ne e le kwa ntle ga taolo; le iv gore rekoto e e kwadilweng ya dikgato tse di tserweng e tshwanetse go bewa.
Mananeo a Tsamaiso ya Boitekanelo (HMP)
Mong wa botlhabelo o tshwanetse go diragatsa -
a a HMP ya tlhatlhobo ya pele ga loso, go tsenyelediwa dikgato tsa taolo go -
i tlhomamisa gore diphologolo tsotlhe tse ka lebaka lengwe kana le lengwe di ka se dirweng go nna nama e e babalesegileng di lemogilwe le go tsholwa go ya ka Karolo VIII;
ii lemoga diphologolo tse di nang le malwetse le maemo a ka ona matshwao a ka bong a sa bonale ka nako ya ditlhatlhobo tsa pele ga loso;
iii lemoga diphologolo tse di nang le malwetse a mafelo a a rileng;
iv lemoga diphologolo tse di nang le malwetse a a fetelelang kana malwetse a a laolwang ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Diphologolo, 2002 Molao No. 7 of 2002; le v lemoga diphologolo tse di tlhagisang kotsi ya kgotlhelo e e kwa godimo, jaaka tse di nang le maemo a a bolang kana diphologolo tse di leswe mo go feteletseng; le vi tlhomamisa gore diphologolo tse di gobetseng tse di mo ditlhabing di tlhagisediwa tlhabo ya tshoganyetso kana tlhabo e e tlhophilweng ntle le tiego e e sa tlhokegeng;
b a HMP ya tlhabo le go baakanya, go tsenyeletsa -
i dikgato tsa taolo CM go tlhomaisa gore ga go kgotlhelego epe ya nama le dikumo tse di jegang e e tlhagelelang go tswa -
aa boalo jwa kwa ntle jwa phologolo e e bolailweng;
cc diteng tsa dithwe tse di boteng;
dd batho ba ba dirang ka dikumo tse di jegang; kana ee kgolagano le dilo tse di seng phepa;
ii tlhabo le ditsamaiso tsa go baakanya tse di tshwanetseng go lekanyetsa kgotlhelego nngwe le nngwe go fitlha minimamong o o feletseng;
iii katiso ya badiri botlhe mo dithekeneking tsa go tlhaba tse di nepagetseng go tsenyelediwa ditheo tsa tiragatso ya boitekanelo e e tshwanetseng go tlhokomelwa;
iv lenaneo la go dira teko ka letsatsi ka ditoto mo go kgotlheleng go tlamelela go dira teko ka gale mo sampoleng ya kemedi ya dikgoropa go ralala letsatsi mo theong ya boitlhophelo le go tlhomamisa maemo a kgotlhelego ya dikgoropa;
c a HMP ya tlhatlhobo ya nama, go ya ka fa motlhatlhobi SMI wa nama yo o kwadisitsweng wa motlhokomedi, a thusiwa ke molafadiruiwa yo o kwadisitsweng ba tshwanetse go tlhokomela tlhatlhobo ya nama ka mokgwa wa tiragatso ya dikgato tsa taolo tse di kwadilweng go tlhomamisa -
i gore tlhatlhobo ya nama e dirwa go ya ka Karolo VI;
ii bokgoni jwa batlhatlhobi ba nama le basekaseki ba nama;
iii boitekanelo jwa sebele jwa batlhatlhobi ba nama le basekaseki ba nama;
iv ditlhogo, mateng a mahibidu le a a magwata di amanngwa le ditoto tsa tlhago;
v pabalesego ya ditoto tse di tshotsweng le dithwe;
vi tshireletsego ya ditoto tse di rebotsweng ka nakwana le dithwe;
vii tshireletso ya setempe sa thebolo;
viii tshireletso ya matheriale o o senyegileng;
ix tiragatso ya ditsamaiso tsa tiragatso tsa maemo SOP's tsa -
dd tlhabo ya dikgomo e e arabetsweng ka tshwanelo kwa ditekong tsa Letshoromo la pholotso le Mafatlha tse di dirilweng mo polaseng le go bidiwa ka matshwao a maina "C" le "T" ;
ee diphologolo tse di leswe; le ff nama e e digilweng;
d a HMP ya boitekanelo jwa sebele jwa badiri go ya ka gore -
i khouto ya maitsholo ya kakaretso, e e rebotsweng ke motlhatlhobi o o kwadisitsweng, ya badiri mme segolo badiri ba ba kopanang ka tlhamalalo le nama le dikumo tse di jegang, e tshwanetse go nna teng;
ii lenaneo la katiso, mmogo le direjisetara tsa go nna teng, tsa badiri botlhe go dirisa ditheo tsa khouto ya maitsholo e e boletsweng mo temaneng tlaleletso i le tshwanetse go nna teng; le iii direkoto tsa tebelelo e e tseneletseng le tlhokomelo go tsenyelediwa direkoto tsa kgato ya kotlhao mo mabakeng a maitsholo a a sa siamang a a boelelang kana go sa tsamaelane di tshwanetse go nna ;
e a HMP ya go itekanela ga bongaka ga badiri go ya ka gore -
i direkoto tsa setefekeiti sa bongaka sa ntlha sa gore badiri ba lekanetse go dira ka nama le dikumo tse di jewang, pele ga thapo, di tshwanetse go nna teng; le ii direkoto tsa go dira diteko tsa go itekanela ka letsatsi, go tsenyelediwa dikgato tse di siamisang tse di dirisiwang mo dikgetsing tsa bolwetse le kgobalo, di tshwanetse go nna teng;
f a HMP ya themphereitšha ya metsi mo diopafatsong le tshegetso ya diopafatsi go ya ka dikgato tsa taolo go tlhomamisa go nna teng go go tswelelang le phitlhelelo ya diopafatsi mo boleng bo bo siameng jwa go dira kwa dithemphereitšheng tsa metsi tsa 82 oC, go tsenyelediwa direjisetara tsa go dira diteko ka letsatsi go bontsha tlhagelelo ya diteko mmogo le ditsamaiso tsa kgato ya go siamisa mo dikgetsing tsa go se tsamaisane, di tshwanetse go nna teng;
g a HMP ya go nna teng ga sesepa sa seeledi le sentsha sesepa, pampiri ya boithusetso, dithaolo tsa go latlhiwa, go ya ka mekgwa ya taolo go tlhomamisa go nna teng go go tswelelang le phitlhelelo ya sesepa sa seeledi mo mabakeng a go tlhatswa diatla, pampiri ya boithusetso le dithaolo tse di latlhiwang kwa mafelong a a supilweng pele di tshwanetse go nna teng;
h a HMP ya phepafatso le go phepafatsa go go tswelelang go tsenyelediwa lenaneo la go phepafatsa le le tlamelang -
i lenane la mafelo otlhe a a tla phepafadiwang;
ii lenane lotlhe la dikamore tse di tshwanetseng go phepafadiwa mo lefelong lengwe le lengwe;
iii leina la motho yo o ikarabeleang go phepafatsa lefelo lengwe le lengwe, lephata kana kamore;
iv mo kamoreng nngwe le nngwe mo lefelong le le rileng, tlhaloso e e feleletseng ya go phepafadiwa ga kago nngwe le nngwe, go tsenyelediwa -
aa poeletso ya go phepafatsa;
bb kgato ka kgato ya go phepafatsa;
cc data ya dikhemikhale tse di dirisiwang, jaaka kwadiso ya data, pabalesego, ditlhapholo, ditlhaloso tsa tiragatso;
ee go tsokodiwa ga dikhemikhale tse di dirang; le ff ditlamorago go bonwa jaaka maikaelelo a lenaneo la go phepafatsa;
v tlaleletso ya kamore nngwe le nngwe e mo go yona go phepafadiwa ga kago nngwe le nngwe go tshwanetseng go tlhalosiwa ka botlalo go tsenyelediwa dintlha jaaka mokgwa, poelelo le ditlamorago tsa tsepamo;
vi tsa katiso ya ditlhopha tsa go phepafatsa mo tiragatsong ya mananeo a;
vii tsa taolo mo polokelong ya tshekisi go thibela kgotlhelego ya dikumo tse di jewang;
viii tlhaloso e e feleletseng ya go phepafatsa go go tswelelang mo moleng wa tirego ka nako ya tirego, e e tshwanetseng go tsenyeletsa -
aa lenane la dikgato tsotlhe mo lenaneong le go tsenyelediwa ga phepafatsa ya didirisiwa tse di sutang le megotlha; le bb tlhaloso ya kgato ka kgato ya tiragatso nngwe le nngwe;
ix gore mananeo a a rebolwe ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng; le x gore laboratori e dire teko jaaka taolo ya nonofo ya mananeo a go phepafatsa go tsenngwa le go kwalwa;
i a HMP ya go nna teng le boleng jwa metsi go ya ka gore -
i mong wa botlhabelo o tshwanetse go arabela motswedi wa tlhago ya metsi le maemo a metsi a a jalo;
ii mong o tshwanetse go kgona go bontsha mokgwa wa phatlhalalo ya metsi mo botlhabelong le go tlamela leano la taekeramo le le tlhabolotsweng la phatlalatso ya metsi mo lefelong;
iii lenaneo la go sampola le tshwanetse go latelwa go tlhomamisa gore dintshetsa ntle tsotlhe, go tsenyelediwa mathompo di a lekolwa mo theong e e boelelang e e tsepameng mo pakeng ya nako e e beilweng, le tsamaiso ya go sampola e tshwanetse go tlhalosiwa; le iv mong o ikarabelela go tlhomamisa gore metsi a a dirisiwang mo botlhabelong a a suta le gore direkoto tsa ditlamorago tsa teko ya thutaditshedi dinnye le metsi a khemikhale di teng;
j a HMP ya taolo ya botlhole go ya ka gore mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlamela lenaneo la taolo le le kwadilweng la mofuta mongwe le mongwe wa botlhole go bona thebolelo ka motlhankedi mogolo wa porofense, mme lenaneo le le jalo le tshwanetse go tsenyeletsa -
i ditshwantsho tsa taekeramo tse di bontshang maemo a diteišene tsa go thaya phiri;
ii rejisetara ya botlhole, go tsenyelediwa ditlhaloso tsa tiriso ya matlhole a a farologaneng; le iii mananeo a go katisa a batho ba ba dirang ka matlhole;
k HMP ya go latlhiwa ga maswe, go tsenyelediwa matheriale o o senyegileng, go ya ka gore -
i mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlamela lenaneo la taolo le le kwadilweng go tlosa setlhopha sengwe le sengwe se se farologaneng sa matheriale o o senyegileng go tsenyelediwa tatlho ya kakaretso go bona thebolelo ya motlhankedi mogolo wa porofensi; le ii dithulaganyo tsa tshireletso go thibela matheriale o o senyegileng mo go tseneleng ketane ya dijo go tshwanetse go tlhalosiwe;
l HMP ya mo kgolaganong ya go phuthela le go paka dimatheriale go ya ka gore -
i mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlamela lenaneo la taolo le le kwadilweng le le lebelelang bomaleba mmogo le polokelo le go tshola tsa tsotlhe mo kopanog ya phuthelo le matheriale o o pakang;
ii dikgato tsa taolo go thibela tshenyego mo dikamoreng tsa polokelo di tshwanetse go tlamelwa; le iii dikgato tsa taolo go thibela tshenyego ya matheriale wa go phuthela e tshwanetse go tlamelwa;
m HMP ya go tshegetsa, go tlamela mong wa botlhabelo go tlamela lokwalo lo lo lebelelang tshegetso ya tlwaelo ya didirisiwa tsotlhe le dikago; le n HMP ya taolo ya themo go ya ka yona -
i leano le tshwanetse go tlamelwa le le bontshang sebopego sa ditsidifatsi tsotlhe, digatsetsi le dkamore tsa go direla fa taolo ya themphereitšha ya dikamore e tlhokegang go tsenyeletsa -
aa nngwe le nngwe ya kamore ya themphereitšha e e laolegang kana lefelo;
bb palo ya kamore kana lefelo;
cc tlhokego ya themphereitsha ya kamore nngwe le nngwe; le dd matheriale wa tirego wa kamore nngwe le nngwe;
ii kamore nngwe le nngwe e tshwanetse go tlamelwa ka themokerafo e e rekotang, kana mokgwa o o lekanang wa go tlhokomela le go rekota o tshwanetse go dirisiwa, o o bontshang ditekanyetso tsa themphereitshara mo kamoreng ka theo e e tswelelang;
iii dikerafo kana data di tshwanetse go tlamela nako ya nnete le themphereitšha mmogo le letlha le le nepagetseng;
iv tekanyetso ya dipalo le go ntsha setefekeiti mo go se go tshwanetse go nne teng;
v direkoto malebana le go dira teko ya tlwaelo ya themokerafo ya dijiti le dimetara kgatlhanong le seedi se se atlenegisitsweng mo themometareng ya galase, e e dirwang ke mong, di tshwanetse go nna teng;
vi go baya dithemo tse di utlwelelang mo teng ga kamore go tshwanetse go emelele themphereitšha mo kamoreng eo;
vii fa mokgwa wa khomputa o o beilweng fa gare o dirisediwa lebaka le dithemphereitšha tsotlhe tse di maleba di tshwanetse go kwalwa mo theong e e tswelelang bogolo metsotso mengwe le mengwe e le 30;
viii maemo a themphereitšha a kamore nngwe le nngwe a tshwanetse go lekolwa bogolo diura dingwe le dingwe tse 12 ke mong go tlhomamisa tshegetso ya dithemphereitšha le diphapogo tsotlhe di tshwanetse go arabelwa;
ix ditekolo ka mong di tshwanetse go kwalwa mo direkotong tsa taolo tsa themphereitšha;
x diphapogo dife kana dife go tswa themphereitšheng di tshwanetse go amogela tlhokomediso ya go siamisa ya ka bonako;
xi motsamaisi wa boitekanelo o tshwanetse go itsesiwe ka bonako mo kgetseng nngwe le nngwe foo go wa ga themphereitšha go diragetseng;
xii direkoto di tshwanetse go nna teng go tlhatlhobiwa ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba kana motlhankedi mogolo wa porofensi; le xiii motsamaisi wa boitekanelo o tshwanetse go bontsha ditekolo tsa taolo tsa letsatsi ka mokgwa wa tshaeno mo direkotong.
KAROLO I
DITLHOKEGO TSA BOITEKANELO TSA BATHO BA BA TSENANG MO BOTLHABELONG
Karolo 111f]
Baeng ba ba tsenang mo botlhabelong
Batho botlhe ba ba tsenang mo botlhabelong go tsenyelediwa tsamaiso, baeng le badiri ba tshegetso ba tshwanetse go neelwa, ke mong, ka diaparo tse di maleba tse di sireletsang tse di phepa tse di tsamaelanang le molawana tlaleletso 59 .
Direkoto tsa bongaka tsa bathapiwa
 Pele ga thapo kwa botlhabelong kana polanteng ya teng e e segang, setefekeiti sa bongaka se tshwanetse go tlhomamisa gore motho o -
a itekanetse le go kgona ka sebele go dira jaaka modira ka nama; le b ga se morwadi wa, kana o lwala go tswa, bolwetseng bo bo tshelanwang.
direkoto tsa bongaka tse di maleba le ditlhatlhobo tsa bongaka le diteko tsa go itekanela ka letsatsi di tshwanetse go nna teng kwa motlhankeding mogolo wa porofensi kana motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Diteko tsa boitekanelo
Mong o tshwanetse go tlhomamisa gore badiri botlhe -
a ba tlhatlhobiwa ka letsatsi, pele ba simolola tiro, ka maemo a boitekanelo a a kotsi jaaka tlhagala e e phunyegileng, diso, ditshegako le dingapo tse di ka tlhagisang kotsi ya pabalesego ya dijo, mme batho ba ba amegileng jalo ba ka se dire ntle le fa maemo a sireleditswe ka sefaphi se se thibelang metsi se se tshwereng ka go tiisa gore kotsi ya kgotlhelego e thibelwe; le b ba ba neng ba lwala malatsi a le mararo kana go feta, ba tlhagisa disetefekeiti tsa dingaka go bontsha gore jaanong ba itekanetse go tshola dijo.
Diaparo tse di sireletsang
 Diaparo tse di sireletsang di tshwanetse go nna le mmala o o botlhofo, di nne phepa, mo paakanyong e e siameng mme di tsenyeletse difutshe tsa pabalesego, dinnete tsa moriri, dinnete tsa ditedu, dikheipe tsa tlhogo le magetla, ditlhako tsa kambute tse di tshweu tse di tsamaelanang le ditlhokego tsa boitekanelo le diforosekota tse di thibelang metsi jaaka go tlhokiwa ke maemo a tiro.
Kwa tshimologong ya letsatsi la tiro lengwe le lengwe kana šifiti, mong o tshwanetse go tlamela badiri ka diaparo tse di sireletsang.
Mong o tshwanetse go tlhomamisa gore diaparo tsa tshireletso tse di phepa tse di jalo di bolokelwa le go tsholwa gore ga di dire kopano le diaparo tsa poraefete.
Diaparo tsa poraefete di tshwanetse go tsholwa mo lokhareng e e beetsweng lebaka leo fela.
Diaparo tsa tshireletso di tshwanetse go fetolwa le go phepafadiwa fa di kgotlhelwa ke selo se se seng monate kana di nna leswe.
Badiri mo mafelong a a phepa le a a leswe ba tshwanetse go apara diaparo tsa tshireletso tse di farologanyang, ka tatelano.
Diaparo tsa tshireletso di tshwanetse go akaretsa gotlhelele diaparo tsotlhe tsa sebele.
Badiri ba ka fetolela mo diaparong tsa tshireletso fela mo dikamoreng tsa go tšhentšhela tse di maleba mme dilo tsa diaparo tsa tshireletso mo mafelong a tiro a botlhabelo di ka bewa fela kana go kgwagediwa mo mafelong a a bidiwang ka dilo tse.
Badiri ba ka bo ba sa nne kana go robala mo mmung mo diaparong tsa tshireletso tsa bona ka nako ya go ikhutsa mme ba ntse ba ka se apare daparo tsa tshireletso ka kwa ntle ga lefelo.
Mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlamela ditshiamelo tsa botlhatswetso kana a dirise tirelo ya botlhatswetso mme badiri ga ba a tshwanela go dumelelwa go isa diaparo tsa tshireletso kwa gae go tlhatswiwa.
Dikgobalo
 Ditshego tsotlhe le dikgobalo tse dinnye di tshwanetse go apesiwa ka sefaphi se se thibelang metsi se se tiileng, ditlelafo tsa karo kana sesireletsa monwana sa rabara.
Badiri ba tshwanetse go bega kgobalo nngwe le nngwe ka bonako kwa go mong.
Go tlhapa ka pompo ya mookodi le go tlhapa matsogo
Badiri ba ba dirang ka dijo ba tshwanetse -
a go tlhapa ka pompo ya mmokodi pele ba simolola go ditiro; le b go tlhapa matsogo le mekgono ka sesepa sa sebolaya megare sa seedi le metsi a a elelang ka bonako morago fa a sena go kgotlhelega kana morago ga go dirisa ntloboithusetso kana fa o tsena mo lefelong la go direla.
Dikiletso
 Dibenyane, go tsenyelediwa dilo tsa setso, di se aparwe mo lefelong foo dikumo tse di jewang di tsholwang.
Dinala tsa diatla di tshwanetse go nna dikhutshwane, phepa le go gololosega mo go tshaseng manala ka pente.
Go ja, go nwa kana go dirisa kana go tshola motsoko ga go a leltlelalwa mo lefelong lengwe le lengwe fa nama e dirwang.
Diritibatsi, bojalwa kana sere sengwe le sengwe se se tagang se se tlisiwe mo karolong efe kana efe ya lefelo mme motho yo o jeleng diritibatsi a se dumelelwe go tsena karolo efe kana efe ya polante e e dirang ka nama.
Badiri ba ikgatolose mo ditirong tsa kgotlhelo dingwe le dingwe.
Katiso
Badiri botlhe ba tshwanetse go katisiwa mo tsamaisong ya boitekanelo le merero ya boitekanelo jwa sebele ke mong, mme direkoto tsa katiso di bewe.
KAROLO 
KALAFI YA DIPHOLOGOLO LE TIREGO YA TLHABO
Karolo 11 1h]
Ditlhokego tsa dikoloi
 Go tsamaisa diphologolo go tlhabiwa kwa botlhabelong -
a bodilo jwa koloi -
i bo tshwanetse go bo bo tiile go se mesima magareng ga boalo e e ka bakang malwetse mo diphologolong tse di mo boalong bo bo kwa tlase; mme ii bo tshwanetse gore bo se monyele le go se theledise;
b matlhakore le dikgaoganyo -
i di se nne kwa tlase go feta 1 800 mm mo dikgomong le 750 mm mo diphologolong tse dinnye; mme ii dikgaoganyo di tshwanetse go tsenngwa kwa sebakeng sengwe le sengwe sa 3 m sa go pega fa koloi e le boleele bo bo fetang 4m;
c meriti e tshwanetse go tlamelelwa dikolobe mo kgabaganyong;
d tlhabisamowa mo koloing e tshwanetse go tlhomamisiwa; le e sebaka sa go pega se se -
i nne le dikhutlo tse di bogale, dikhutlwana, ditswelantle kana mesima tse di ka gobatsang diphologolo; kana ii nne le dilo tse di ntseng di le esi tse di beilweng magareng ga diphologolo.
Minimamo wa sebaka sa boalo se se tlhokegang go ya ka phologolo mo koloing ke -
a 1.4 sq. m go ya ka mogolo wa pholo kana pitse;
b 0.3 sq. m go ya ka namane e nnye;
c 0.4 sq. m go ya ka nku kana podi;
d 0.3 sq. m go ya kolobe e e godisediwang dijo;
e 0.4 sq. m go ya ka kolobe e e beetsweng beikhone; le f 0.8 sq. m go ya ka mogolo wa kolobe e nngwe.
Go tshwanetse go nne dikgaoganyo mo koloing go kgaoganya -
a dipoo le maradu kana maradunyana;
b diphologolo tse dikgolo le tse dinnye;
c mefuta e e farologaneng;
d diphologolo tse di tlhobaelang le tse di ntseng sentle; le e diphologolo tse di gobetseng kana di foufetse le tse di ntseng sentle.
Koloi e e Itekanetseng
Mong wa koloi o tshwanetse go tlhomamisa gore koloi e e dirisiwang go rwala diphologolo go ya botlhabelong e tsholwa mo maemong a a phepa a a itekanetseng.
Go folosa [Bona gape molawana 19]
 Diphologolo tse di gorogang kwa botlhabelong di tshwanetse go folosiwa ka bonako ke badiri ba ba katisitsweng.
Diphologolo di tshwanetse go folosiwa ka mokgwa o o iketlileng go thibela tlhagatso, letshogo, bothata le kgobalo.
Ga go kgotlho ya motlakase mo dikolobeng le dinamaneng e e dumeletsweng.
Diphologolo di se kukiwe ka ditlhogo tsa tsona, boboa, letlalo, ditsebe, megatla, dinaka kana maoto mme diphologolo di se gapelediwe go tlola go tswa maemong a a farologaneng kana go ralala diphatla ka nako ya go folosiwa.
Dinako tsa go ikhutsa
Diphologolo di tshwanetse go ikhutsa mo dikutleng pele ga tlhabo, fela fa motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a kgotsofetse gore di ikhutsisitswe, di ka tlhabiwa mo letsatsing la go goroga fa e le gore di nnile le paka ya go ikhutsa e e seng kwa tlase ga ura e le 1.
Mo dikutleng [Bona gape molawana 20; 21; 22]
 Diphologolo tse di emetseng tlhabo di tshwanetse go tshwarwa mo dikutleng le masakeng.
Dikutla di tshwanetse go tlhatswiwa morago ga setlhopha sengwe le sengwe sa diphologolo se tlositswe.
Metsi a a phepa a go nowa a tshwanetse go nna teng ka dinako tsotlhe go nowa ke diphologolo tse di emetseng tlhabo.
Diphologolo di se tsholwe mo kutleng kana masakeng sebaka se se fetang diura tse 72, fela mo lebakeng la dinamane le dikolobe e se nne go feta diura tse 48.
Molawana tlaleletso 4 ga o dire kwa dipoding tsa Judas tse di tshwanetseng go tlamelwa -
a ka masaka a marulelo a a rileng ka malao a a maleba a a beilweng kgakala go tswa lefelong la tlhabo;
b ka dijo tse di lekaneng tse di maleba mo letsatsing lengwe le lengwe; le c kalafi ya bongaka jwa diphologolo jaaka go tlhokega.
Dipodi tsa Judas tse di boletsweng fa godimo ga di a tshwanela go dumelelwa go tsala mme bogolo go tshwanetse go dirisiwe diphorogotlho.
Diphologolo tse di bewang mo dikutleng le masakeng sebaka se se fetang diura tse 24 go bona megodu kana sebaka se se fetang diura tse 48 tsa diotli, di tshwanetse go fepiwa.
Dikolobe tse di sa kgwisiwang le dinamane tse di ka fa tlase ga bogolo jwa dikgwedi tse tharo le dikonyana tse di sa kgwisiwang ka fa tlase ga dikgwedi tse pedi tse di emetseng go tlhabiwa sebaka sa diura tse 12 kana go feta, di tshwanetse go fepiwa ka mabele mo lebakeng la dikolobe, le ka maši kana seemela maši mo lebakeng la dinamane, dikonyana le bana ka go tlhaloganya gore maši a a jalo a tshwanetse go fepiwa ka lebotlolo kana mokgwa o mongwe o o maleba mo diphologolong tse di jalo.
Fa diphologolo di fepiwang mo kutleng kana lesakeng, dijo di ka bewa fela mo rakeng ya leswabi la bojang, kiripi kana setshola se sengwe se se maleba.
Diphologolo tse di latelang di se tlhatlhelwe mmogo:
a dipoo le maradu kana maradunyana le maradu;
b diphologolo tse dingwe tse dinnye le tse dikgolo;
c diphologolo tsa mefuta e e farologaneng;
d diphologolo tse di tlhobaelang le tse di ntseng sentle; le e dikgomo tse di nang le dinaka tse dileele le tse dikutshwane.
Diphologolo tse di tsetseng mo dikoloing kana mo dikutleng di tshwanetse go tsholwa mo masakeng di le esi le bana ba tsona go emetswe tshwetso ya moalafadiruiwa e e tla amang go tlosa bana mo botlhabelong kana go ba nyeletsa, go ikaegilwe ka maemo a tswalelo, le ka go tlhaloganya gore diphologolo tse di tsetseng di se bolawe mo malatsing a le mararo.
Go disa [Bona gape melawana 23; 24]
 Diphologolo tse di mo dikutleng, le mo masakeng, mogogorong le megotlheng di tshwanetse go tsholwa ka tsela e e edileng le ya setho, ntle le go di betas kana go di goeletsa.
Ditsibosi di tshwanetse go bo di dirisa beteri mme di se dirisiwe fa diphologolo di setse di tsamaela kwa pele.
Tlhabo ya tshoganyetso
 Diphologolo tse di gobetseng ka nako ya go rwalwa, go folosa kana go isa dikutleng di tshwanetse go tlhabiwa ntle le tiego go thibela go sotlega go ya pele ga phologolo.
Diphologolo tse di gobetseng di sa kgone go tsamaya di tshwanetse go thuntsiwa le go tswela madi fa di leng teng, mo koloing kana mo kutleng le go rwalelwa kwa lifelong la botlhabelo la tshoganyetso.
Diphologolo tse di belaelwang di lwala go tswa maemong a a ka dirang gore nama e se babalesega go jewa ke batho le diphologolo di tshwanetse go faphelwa mo lefelong le le amologaneng mme lesaka la mogotlha le tshwanetse go tlamelelwa tlhatlhobo go ya pele ka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, yo e leng moalafadiruiwa, go neela thebolelo pele ga tlhabo.
Go idibatsa [Bona gape molawana 25]
Kwa botlhabelong diphologolo di tshwanetse go dirwa gore di idibale ka mokgwa wa kidibatso o o kailweng mo molawaneng 73, pele go dirwa tshego ya go ntsha madi.
Mekgwa ya go idibatsa
 Diphologolo di ka idibatswa kwa botlhabelong ka -
a mokgwa wa mohuba wa tlhobolo o o tshwarang, go ikaegile ka maemo a gore -
i mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlhomamisa gore pisetolo ya mohuba wa tlhobolo e e tshwarang e a didimadiwa, mo maemong a a siameng a go siamisiwa le gore e dirisiwa go ya ka mekgwa e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba; le ii kereiti e e nepagetseng ya kereiti ya lerumo ya mofuta wa phologolo e tshwanetse go dirisiwa go tlhomamisa makisimamo wa lebelo la lerumo le tshutlhelelo ya legata;
b mokgwa wa motlakase, go ya ka maemo a gore -
i mong wa botlhabelo o tshwanetse go tlhomamisa gore didirisiwa tsa go idibatsa tsa motlakase di mo maemong a a siameng a go siamisiwa le gore di dirisiwa go ya ka mekgwa e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba;
ii ditheminale di tshwanetse go dirisiwa kwa tlhogong ya phologolo ka tsela ya gore moela o fete go ralala boboko; le iii tlamelo e tshwanetse go direlwa dimetara go tlhokomela nako, selekanyabolota le maatla a motlakase tse di dirisitsweng ka nako ya kidibatso go tlhomamisa gore dikatlanegiso tsa badiri di a latelwa; kana c mokgwa ofe o mongwe o o rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Kelo ya go idibatsa e tshwanetse go laolwa le go tlhomamisiwa ke kelo ya go tswa madi le go baakanya.
Go ntsha madi
 Phologolo e tshwanetse go ntshiwa madi mo metsotswaneng e le 60 morago ga go idibadiwa -
a mo maemong a a lepeletseng; kana b mo maemong a thapamo, fa e le gore phologolo e tlisiwa mo maemong a go lepelela ka bonako morago ga tshego ya go ntsha madi e dirilwe.
Phologolo e tshwanetse go ntshiwa madi ka go sega setlisamadi sa molala le seisamadi sa molala mo matlhakoreng ka bobedi a molala go dirisiwa thipa e e bogale kana, mo lebakeng la dikolobe le dikgomo, ka go kgarameletsa le go kgaola vena cava ya kwa pele kana aotha kwa moding wa pelo.
Thipa e e amologaneng e e phepa le go opafadiwa e tshwanetse go dirisiwa go ntsha madi a phologolo.
Dinako tsa go ntsha madi
Diphologolo di ka baakanngwa fela morago ga go ntshiwa madi metsotso e le robedi mo dikgomong le dipitseng mme mesotso e le merataro mo dinamaneng, dikolobeng le dinkung.
Go bua le go gamola
 Go baakanya go tshwanetse go simolola ntle le tiego morago ga go ntsha madi ka -
a go tlosa tlhogo le maoto le go di isa tlhatlhobong ya nama gore dikarolo tse di nyalanane le setoto;
b go tlosa matsele a a ntshang maši, go feletse le letlalo mo godimo, go tlogela boalo jwa lengamu mo matlhakoreng otlhe a feletse mo sekgoropeng le go efoga tshologo ya maši mo karolong nngwe le nngwe ya setoto; le c go bula mela ya mosego mo letlalong kana nameng ka thipa ya letsogo e e opafetseng e e phepa go tswa ka fa gare go ya ka fa ntle fela mesego ya lerumo, fela thipa ya go bua ya mekhenikhale e ka dirisediwa lebaka le.
Dithwe tsa tsalo le karolo nngwe le nngwe e e sa dirisiweng go ya ka khomese e tshwanetse go tsholwa jaaka matheriale o o senyegileng le go bewa mo ditsholeng tse di maleba.
Didirisiwa tsotlhe tsa go bua le go gamola tse di golaganang le nama di tshwanetse go opafadiwa morago ga tiriso mo sekgoropeng sengwe le sngwe.
Ka nako ya go bua le kgamolo ya setoto, kgolagano ya nama e e bulegileng le dipolatefomo, mabota, bodilo, boalo bo bo ka fa ntle jwa nama kana letlalo le sedirisiwa se se kgotlhelegileng kana matheriale o mongwe di tshwanetse go efogiwa ka dinako tsotlhe.
Go babola, go fala le go tlhatswetsa kgamolo ya pele ya dikolobe go tshwanetse go fediwe mo lefelong la go tlosa boboa pele go iwa kwa lefelong la kgamolo.
Kgotlhelego ya sekgoropa, nama kana sethwe se na le diteng tsa mala kana mogodu, moroto, gala kana maši ka nako ya kgamolo e tshwanetse go thibelwa mme fa kgotlhelego e diragalang, e tshwanetse go segiwa ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng mme e se tlhatswiwe ka metsi.
Dithwe tsotlhe le mateng di tshwanetse go dirwa gore di nne teng mo tlhatlhobong ya nama mme di tshwanetse go lemotshega ka sekgoropa sa tlhago.
Ditoto di se phepafadiwe, di phimolwe kana go omisiwa ka boraše, lesela kana tiro e efe e nngwe e e jalo.
Mala a se kgaoganngwe le mogodu kana tsa mo mpeng ka nako ya kgamolo.
Mogodu kana mpa, mala, popelo, ditlha tsa moroto le gala di se bulwe mo lefelong la botlhabelo, mme setlha sa gala se tlosiwe se feletse mo kamoreng ya paakanyo kana lefelo morago ga tlhatlhobo ya nama le thebolelo ya dibete.
Ditoto tsa dikgomo kana dipitse tse di fetang bogolo jwa dikgwedi tse tharo le dikolobe tse di boimanyana go feta 92 kg di tshwanetse go kgaoganngwa ka tsela ya boleele go ralala kholomo ya mokokotlo pele ga tlhatlhobo ya nama.
Go tlhatsiwa ga bofelo
 Setoto se ka tlhatswiwa ka metsi a a elelang ka fa tlase ga kgatelelo e e fa gare go tlosa ditšhipisi tsa lerapo go tswa lerapong la kgara le le kgaoganeng le mokokotlo le go tlhatswa madi morago ga go fetsa tlhatlhobo ya nama.
Go se nne motho yo o ka tshasang setoto sepe, nama kana kumo ya phologolo, sebolayamegare sengwe kana sere sa go bolaya baketeria, kana sere sengwe se se ikaeletsweng go nganga tshenyego ya setoto, nama kana kumo ya phologolo ka go thibela ditiro tsa ditshenekegi, kana ka go thibela tsweletso ya baketeria kana meuta, kana ka lebaka lefe kana lefe le lengwe. Fa e le gore se ga se dire kwa sereng se se dumalanang le ditlhokego tsa Molao wa Dijo, Dikhosemethiki le Dibolayamegare, 1972 Molao No. 54 wa 1972 mme o rebotswe go ya ka porotokolo ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Go ntsha ka bone
Sekgoropa se se rebotsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng se ka ntshiwa ka bone mo botlhabelong pele kana morago ga go tsidifatsa, fela go segela pele go tshwanetse go dirwe mo kamoreng ya go sega.
DITLHATLHOBO TSA NAMA
Karolo 111j]
A. Tlhatlhobo ya pele ga loso
Ditlhatlhobo tsa pele ga loso
 Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng yo o dirang tlhatlhobo ya pele ga loso kwa -
a botlhabelong jwa magae, o tshwanetse bogolo a bo a le motlhatlhobi wa nama, kana fa thebolelo e abilwe ke motlhankedi mogolo wa porofensi, mosekaseki wa nama;
b botlhabelong jwa matheriale wa tirego e e kwa tlase le kwa godimo, o tshwanetse bogolo e nne motlhatlhobi wa nama.
Maikano a boitekanelo le tlhago a tshwanetse go tlamelelwa diphologolo tsotlhe ke mong wa thoto ya tlhabo le go kwalwa ke mong wa botlhabelo mme maikano a boitekanelo a a jalo a tshwanetse go tshola tshedimosetso e e latelang -
a letlha la thomelo;
b leina le aterese ya mong wa polase;
c palo ya diphologolo le mofutame;
d maemo a boitekanelo a leruma go tsenyelediwa kelo ya loso; le e ditlhare, fa di newa mmogo le dipaka tsa kgogelo morago le matlha.
Phologolo e tshwanetse go tlhatlhobiwa mo letsatsing la kgorogo kwa botlhabelong, mme tlhatlhobo e tshwanetse go boelediwa mo letsatsing la tlhabo fa tlhabo e sa dirwa mo diureng tse 24 tsa kgorogo.
Go tshwanetse go nne le tsamaiso ya maemo kwa botlhabelong go tsamaisa tshedimosetso e e bonwang mo dikutleng go ya kwa batlhatlhobing ba ba kwadisitsweng mo lefelong la tlhatlhobo la nama, le mokgwa wa go tshwaya diphologolo tse di rileng go tlhokomelwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go bo o siame.
Ditlhatlhobo tse di tswelelang le diphitlhelelo
 (a) Diphologolo tsotlhe tse mo kakanyong ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, yo e seng moalafadiruiwa, a dira tlhatlhobo ya pele ga loso jaaka e tlhalosiwa mo molawaneng 79, di sa itekanelang go tlhabiwa di tshwanetse go sekasekiwa ke moalafadiruiwa yo e leng motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
b Moalafadiruiwa, o tshwanetse go swetsa gore a diphologolo tse di jalo di ka tlhabiwa, go tlhabiwa ka tumalano kana go latlhiwa;
Fa moalafadiruiwa a swetsa gore phologolo e e boletsweng mo molawaneng tlaleletso 1a e ka tlhabiwa kana ka tumalano ya tlhabiwa, sekgoropa sa phologolo e e jalo se ya le tlhatlhobo ya morago ya nama go ya ka molawana 107.
Phologolo e se tlhabiwe fa go belaelwa gore sere se se ilediwang se -
a dirisitswe mo go yona;
b tsentswe mo go yona;
c e kgotlhetse; kana d jelwe ke yona.
Ga go motho yo o tla tlhabang phologolo e e mo maemong a go belega kana e e belegeng mo kgabaganyong kana kutleng. bona gape 6811
Go dirana le diphologolo tse di suleng
 Diphologolo tsotlhe tse di "suleng mo kgorogong" le "tse di suleng mo lesakeng" di tshwanetse go latlhiwa jaaka matheriale o o senyegileng go ya ka Karolo VIII.
Pele ga go bua kana go segela go latlhiwa kana tlhatlhobo ya dphologolo tse di jalo, tshaso ya madi go tlhobosa kgonego ya Lebete e a tlhokega.
Ga go phologolo e e suleng kana e e swang e e ka tlisiwang mo lefelong la botlhabelo, ntle le fa e le karolo ya thomelelo ya diphologolo tse di itekanetseng, kana e ka tlosiwa go tswa lefelong la botlhabelo.
Ga go setoto kana karolo ya sona e e sentsweng e e ka tlisiwang mo karolong nngwe le nngwe ya botlhabelo e e tshotseng dikumo tse di jewang.
Ke boitlhophelo jwa mong go nna le tlhatlhobo ya morago ga loso go dirwa ntle le fa e tlhokiwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng kana fa bolwetse bo bo laolwang ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo jwa Phologolo, 2002 Molao No. 7 wa 2002, bo belaelwa mo lebakeng le moalafa phologolo wa naga o tshwanetse go itsisiwe.
Lefelo le mokgwa wa go bua diphologolo tse di suleng ka mabaka a go bona gape matlalo di tshwanetse go dirwa go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
 Diphologolo tsotlhe tse di lwalang go tswa bolwetseng bo bo laolegang bo bo tshisinngwang mo Molaong wa Boitekanelo jwa Phologolo, 2002 (Molao No.7 wa 2002), di tshwanetse go isiwa kwa botlhabelong ka fa tlase ga tetla ya "sefapaano se se hibidu" e e ntshiwang ke moalafadiruiwa wa naga kwa polaseng le kgorogo ya thomelelo kwa botlhabelong di tshwanetse go tlhomamisiwa kwa moalafadiruiwang wa naga o o jalo.
Fa phologolo e lwala go tswa kana e belaelwa go lwala go tswa bolwetseng bo bo laolegang bo bo tshisinngwang mo Molaong wa Boitekanelo jwa Phologolo, 2002 Molao No.7 wa 2002, kana fa phologolo nngwe le nngwe e bone diteko tse di siameng mo polaseng ka letshoroma la pholotso kana bolwetse jwa mafatlha mme e na le letshwao kgwebo la C kana T, mme ga e a felegediwa ke tetla ya "sefapaano se se hibidu", moalafadiruiwa wa naga wa Bokaedi jwa Porofense: Ditirelo tsa Kalafadiruiwa, yo mo lefelong la gagwe botlhabelo bo beilweng, o tshwanetse go itsisiwe ka bonako.
Mo lebakeng la botlhabelo bo tlhomamisiwa lefelo le le ileditsweng kana le le thibeletsweng ka fa tlase ga Molao wa Boitekanelo wa Diphologolo, 2002 Molao No.7 wa 2002, motlhankedi mogolo wa porofensi a ka laela mong go tlhaba phologolo ka fa tlase ga maemo a a beilweng ke motlhankedi yoo.
Dikoloi tse di rwalang diphologolo tse di lwalang go tswa bolwetseng bo bo laolegang di tshwanetse go tlhatswiwa le go bolawa megare jaaka go tlhomamisiwa ke moalafadiruiwa wa naga pele di tswa lefelong la botlhabelo.
Dikaedi
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go itlwaetsa dikaedi tsotlhe tse di tswelelang tse di ntshitsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba malebana le ditlhatlhobo tsa pele ga loso.
B. Ditlhatlhobo tsa nama tsa botlhokwa
Ditshiamelo tsa badiri ba tlhatlhobo ya nama
Motlhankedi mogolo wa porofensi a ka tlhomamisa palo ya batlhatlhobi ba nama kana basekaseki ba nama ba ba tlhokegang mo botlhabelong morago ga go sekaseka thulaganyo ya botlhabelo, palo ya diteišene tsa tlhatlhobo, mola wa lebelo, mefuta e e farologaneng, dintlha tsa kago le tsamaiso.
Kakaretso
 Ga go setoto, karolo ya sona, mateng a a magwata kana a mahibidu a a ka rekisiwang kana go romelwa go tswa botlhabelong ntle le fa di tlhatlhobilwe le go rebolwa ke motlhatlhobi yo o kwadistweng le go tshwaiwa ka letshwao "REBOTSWE", jaaka go tshisinngwa mo go Karolo VII.
Tshedimosetso yotlhe e e maleba, go tsenyelediwa direkoto tsa pele ga loso le tsa boitekanelo, e tshwanetse go lebelelwa fa go dirwa tlhatlhobo ya nama.
Motho a se tlose, a sege kana a ntshe lerapo la setoto sepe kana nama pele ga tlhatlhobo.
Motho a se tlose letshwao lepe kana bopaki jwa bolwetse bope, maemo, tshenyego kana kgotlhelo ka go tlhatswa, go sega kana mokgwa ofe o mongwe pele ga tlhatlhobo ya nama, ntle le fa go dirwa ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Go se tlosiwe dikgeleswa dipe pele ga tlhatlhobo ya nama.
Ditlhogo, maoto, mateng a a magwata le a mahibidu di tshwanetse go lemogiwa ka setoto sa tlhago go fitlha tlhatlhobo e dirilwe.
Setoto sengwe le sengwe, nama kana dikgamolo tse, mo kakanyong ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, ga di a lekanela go jewa ke motho kana phologolo mme di tshwanetse go tshwarelwa tlhatlhobo ya bobedi.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go itlwaetsa dikaelo tsotlhe tse di tswelelang tse di ntshitsweng ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba malebana le ditlhatlhobo tsa ntlha tsa nama.
Dikgomo
Tlhatlhobo ya dikgoropa tsa dikgomo
 Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba sekgoropa ka mokgwa wa temogo, tshwaro, nkgelelo le fa go tlhokegang, mosego mme o tshwanetse go lebelela -
a maemo a teng a kotlo;
b mmala wa teng;
c monkgo wa teng;
d tekano ya teng;
e bokgoni jwa go tswa madi ga teng;
f tshenyego nngwe le nngwe;
g maemo a malwetse a teng;
h botlhole ba parasiti nngwe le nngwe;
i matshwao a tlhabo mangwe le mangwe;
j mateteo le dikgobalo dingwe le dingwe;
k go sa tlwaelegang gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo kana ditogwa tse dingwe; le l bogolo le bong jwa phologolo go tswa kwa e ntshitsweng.
Fa go tlhatlhobiwa maoto le dikarolo tse di kwa morago, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba mo matlhakoreng a mabedi -
a lera la mogodu, ka temogo;
b dikarolo e e kwa tlase ya mmele go tswa matlhakoreng le Lnn smarapo a a bopang karolo ya setlhana, ka mesego ya bontsi;
c boalo jwa lengamu, ka mesego ya bontsi;
d karolo ya mosifa ya letswalo, ka go dira mesego e mebedi e e ka lekanang 25 mm ka go katologana le go tlosa llaga ya mala go tlhagisa mosifa; le e diphilo, ka tlhagiso kana mesego fa go tlhokega le Lnn. renalis.
Fa go tlhatlhobiwa maoto le dikarolo tse di kwa pele, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba mo matlhakoreng a mabedi -
a lethakgwafo ka temogo;
b boalo jwa molala, ka tshwaro; le c Mesifa e e amanang e letsogo, ka go dira mosego o o boteng o o tshekaganyang o le mongwe go ralala karolo ya go tswa bogareng.
Lerapo la kgara, dikgopo, mokokotlo le mokolela di tshwanetse go tlhatlhobiwa mo dikgoropeng tse di kgaogantsweng.
Tlhatlhobo ya ditlhogo tsa dikgomo
 Fa go tlhatlhobiwa tlhogo motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba mo matlhakoreng a mabedi -
a metlhagare, mo marapong gaufi le tsebe, le kwa morago mo phatlheng magareng ga molomo le nko, ka mesego ya bontsi; le b mesifa ya go tlhafuna ya kwa ntle M.ditlhafuni, ka go dira mesego ya mola e e boteng e mebedi go bapa le meno a tlase, le ditlhafune tsa ka fa garetirego magareng ga lerapo le legata, ka go dira mosego wa mola o o boteng o le mongwe.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go lemoga le go tshwara leleme.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go lemoga letlalo kana boalo jwa ka fa ntle jwa ditlhogo tse di se nang maseke, dipounama, marinini, magalapa a a tiileng le a a boletsa, matlho le dinko.
Dikodu di tshwanetse go tlosiwa morago ga tlhatlhobo jaaka karolo ya tirego ya go tlhaba le go senyega.
Tlhatlhobo ya maoto
Maoto a tshwanetse go tlhatlhobiwa ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a mahibdu a dikgomo
Fa o tlhatlhoba mateng a mahibidu, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba -
a boalo jwa mateng a lethakgwafo, ka temogo;
b sebete ka tshwaro le mesego go ya mo boalong jwa mogodu le motheo wa karolo ya sebete go bula dikgeleswa tsa santlhoko;
c malokololo a limfi ya madi, ka mesego e mentsi go tsena mo mading;
d kgokgotso, ka mosego o moleele le mometso ka temogo;
e makgwafo, ka tshwaro le mosego mo morago kwa dikarolong tse tharo tse di lekanang go ya moding go bula dikala tsa dikgokgotswana;
f mo mafatlheng, ka mesego ya bontsi;
g dikgokgotswana ka matlhakore a mabedi, ka mesego ya bontsi;
h kgetse ya pelo le pelo, ka mosego o o dirilweng ka boleele go sega go ralala kgotlwanatlase le mesego ya tsepamo ya tlaleletso e mebedi go tsena mo leboteng le le kgaoganyang;
i lebete, ka tlhatlhobo ya pono mme fa go tlhokega ka mosego;
j mogatla, ka temogo;
k kgeleswa ya kodukoma, ka temogo;
l matlhakore ka bobedi a letswalo, ka temogo; le m bopele, ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a kgomo a a magwata
Fa go tlhatlhobiwa mateng a a magwata, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba -
a lera la mogodu mmogo le mala mangwe, ka temogo;
b fa go tlhokega, boalo bo bo ka fa gare jwa mogodu le mala, fela tlhatlhobo e e ka diragala fela mo kamoreng ya mateng a a magwata kana lefelo la go tshwara ka sedirisiwa se se kgaoganeng;
c mogodu le malokololo a limfi ya mesentereki mogodu, mesentereki, e e amanang le legata le mogatla, ka temogo le, fa go tlhokega mesego ya bontsi.
Dinku le dipodi
Tlhatlhobo ya nku kana dikgoropa tsa dipodi
 Motlhatlhobi yo o Kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba sekgoropa ka mokgwa wa temogo, tshwaro, monkgo mme, fa go tlhokegang, mosego, mme o tshwanetse go tlhokomela-
a maemo a teng a dikotla;
b mmala wa teng;
c monkgo wa teng;
d tekano ya teng;
e bokgoni jwa go tswa madi ga teng;
f tshenyego nngwe le nngwe;
h parasiti e e botlhole;
i matshwao mangwe le mangwe a tlhabo;
j go nna mateteo le dikgobalo;
k go sa tlwaelegang gongwe le gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo, kana ditogwa tse dingwe; le l bogolo le bong jwa phologolo go tswa mo e tserweng.
Fa go tlhatlhobiwa maoto a morago, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a lera la mogodu, ka temogo;
b karolo e e kwa tlase ya mmele le matlhakore, ka temogo;
c boalo jwa lengamu, sebilekase, phatlha kwa morago mo lengoleng le maragong, ka tshwaro;
d diphilo, ka tlhagiso, temogo le tshwaro le karolo ya diphilo, ka tshwaro; le e karolo ya mesifa ya letswalo ka tlhatlhobo ya pono.
Fa go tlhatlhobiwa maoto a a kwa pele, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a lera la lethakgwafo le mosima wa kgotshwana, ka temogo; le b boalo jwa popelo, ka tshwaro;
Tlhatlhobo ya ditlhogo tsa nku le podi
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba ka matlho tlhogo mme fa go tlhokega, a tlhatlhobe mogolo, molomo, leleme le metlhagare, mo marapong gaufi le tsebe, le kwa morago mo phatlheng magareng ga molomo le nko, go dirwa mesego jaaka go tlhokega.
Tlhatlhobo ya maoto
Maoto a tshwanetse go tlhatlhobiwa ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a mahibidu a nku le podi
Fa go tlhatlhobiwa mateng a mahibidu, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba-
a boalo jwa mateng a lethakwafo, ka temogo;
b sebete, ka tshwaro le mesego go ya mo boalong jwa mogodu le motheo wa karolo ya sebete go bula dikgeleswa tsa santlhoko;
c malokololo a limfi a madi, ka mesego ya bontsi go ya mo limfing ya sebete;
d makgwafo, mometso le kgokgotso, ka temogo le tshwaro;
e mafatlha le dikgokgotshwana, ka temogo le tshwaro;
f kgetse ya pelo le pelo, ka mosego o o dirilweng ka boleele go bula dikarolo tsa pelo;
g lebete, ka temogo mme fa go tlhokega ka tshwaro;
h matlhakore a mabedi a letswalo, ka temogo; le i bopele, ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a a magwata a nku le podi
Fa go tlhatlhobiwa mateng a a magwata, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba -
a lera la mogodu mmogo le mala mangwe, ka temogo;
b fa go tlhokega, boalo bo bo ka fa gare jwa mogodu le mala, fela tlhatlhobo e e ka diragala fela mo kamoreng ya mateng a a magwata kana lefelo la go tshwara ka sedirisiwa se se kgaoganeng; le c mogodu le malokololo a limfi a mesentereki mogodu, mesentereki, e e amanang le legata le mogatla, ka temogo le, fa go tlhokega mesego ya bontsi.
Dikolobe
Tlhatlhobo ya dikgoropa tsa kolobe
 Motlhatlhobi yo o Kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba sekgoropa ka mokgwa wa temogo, tshwaro, monkgo mme, fa go tlhokegang, mosego, mme o tshwanetse go tlhokomela -
a maemo a teng a dikotla;
b mmala wa teng;
c monkgo wa teng;
d tekano ya teng;
e bokgoni jwa go tswa madi ga teng;
f tshenyego nngwe le nngwe;
h parasiti e e botlhole;
i matshwao mangwe le mangwe a tlhabo;
j go nna mateteo le dikgobalo;;
k go sa tlwaelegang gongwe le gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo, kana ditogwa tse dingwe; le l bogolo le bong jwa phologolo go tswa mo e tserweng.
Fa go tlhatlhobiwa maoto a a kwa morago, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a lera la mogodu, ka temogo;
b karolo e e kwa tlase ya mmele le matlhakore, ka mesego ya bontsi;
c boalo jwa lengamu, sebilekase, phatlha kwa morago mo lengoleng le maragong , ka mesego ya bontsi;
d karolo ya mesifa ya letswalo, ka go dira mesego e mebedi e e ka lekanang 25 mm go atlhologana le go tlosa llaga ya lerakgwafo go tlhagisa mosifa; le e diphilo, ka tlhagiso kana mesego fa go tlhokega le karolo ya diphilo ka mesego fa go tlhokega.
f Mogatla mme fa matshwao mangwe a go swa ga ditogwa ka ntlha ya go lomiwa ga mogatla go lemogiwa, sekgoropa se tshwanetse go kgaoganngwa mme mokokotlo o sekasekiwe.
Fa go tlhatlhobiwa maoto a pele, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a lera la lethakgwafo, ka temogo; le b Mesifa ya matsogo, ka go dira mosego o o tshekaganyang o le mongwe o o boteng ka karolo ya bofelo ya mosifa. Mo lebakeng la dikolobe tse di bokete jo bo magareng ga 54 kg le 92 kg mesego e, e ka tlogelwa fa e le gore pelo e tlhatlhobilwe mme ga go malwetse a tlholego a a fitlhetsweng golo gongwe mo sekgoropeng.
Fa setoto se se kgaogantsweng, lerapo la kgara, dikgopo, mokokotlo le mokolela di tshwanetse go tlhatlhobiwa.
Tlhatlhobo ya tlhogo ya kolobe
 Fa go tlhatlhobiwa tlhogo motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a metlhagare, mo marapong gaufi le tsebe, ka mesego ya bontsi; le b dimasetere tsa kwa ntle M. masetere, ka go dira mesego ya mela e e bapileng e e boteng go ya metlhagareng le dimasetere tsa ka fa teng M. pterygoideus medialis ka go dira mosego wa mola o le mongwe o o boteng.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go lebelela leleme, letlalo, dipounama, marinini, magalapa a a thata le a a boleta, matlho le dinko.
Tlhatlhobo ya mateng a mahibidu a kolobe
Fa o tlhatlhoba mateng a mahibidu, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba -
a boalo jwa mateng a lethakgwafo ka temogo;
b sebete ka tshwaro le mesego go ya mo boalong jwa mogodu le motheo wa karolo ya sebete go bula dikgeleswa tsa santlhoko;
c malokololo a limfi ya madi, ka mesego e mentsi go tsena mo mading;
d kgokgotso, ka mosego o moleele le mometso ka temogo;
e makgwafo, ka tshwaro le mosego mo morago kwa dikarolong tse tharo tse di lekanang go ya moding go bula dikala tsa dikgokgotswana;
f mafatlha, ka mesego ya bontsi;
g mafatlha, ka mesego ya bontsi;
h dikgokgotshwana matlhakore a mabedi, ka mosego wa bontsi i kgetse ya pelo le pelo, ka mosego o o dirilweng ka boleele go sega go ralala kgotlwanatlase le mesego ya tsepamo ya tlaleletso e mebedi go tsena mo leboteng le le kgaoganyang;
j lebete, ka tlhatlhobo ya pono mme fa go tlhokega ka mosego;
k matlhakore ka bobedi a letswalo, ka temogo; le l bopele, ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a a magwata a kolobe
Fa go tlhatlhobiwa mateng a a magwata, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba -
a lera la mogodu mmogo le mala mangwe, ka temogo;
b fa go tlhokega, boalo bo bo ka fa gare jwa mogodu le mala, fela tlhatlhobo e e ka diragala fela mo kamoreng ya mateng a a magwata kana lefelo la go tshwara ka sedirisiwa se se kgaoganeng; le c mogodu le malokololo a limfi a mesentereki mogodu, mesentereki, e e amanang le legata le mogatla, ka temogo le, fa go tlhokega ka mesego ya bontsi.
Dipitse
Tlhatlhobo ya dikgoropa tsa dipitse
 Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba sekgoropa ka mokgwa wa temogo, tshwaro, monkgo mme, fa go tlhokegang, mosego, mme o tshwanetse go tlhokomela -
a maemo a teng a dikotla;
b mmala wa teng;
c monkgo wa teng;
d tekano ya teng;
e bokgoni jwa go tswa madi ga teng;
f tshenyego nngwe le nngwe;
h parasiti e e botlhole;
i matshwao mangwe le mangwe a tlhabo;
j go nna mateteo le dikgobalo;
k go sa tlwaelegang gongwe le gongwe ga mesifa, marapo, menape, ditokololo, kana ditogwa tse dingwe; le bogolo le bong jwa phologolo go tswa mo e tserweng; le l le bogolo le bong jwa phologolo go tswa mo e tserweng;
Fa go tlhatlhobiwa maoto a a kwa morago, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a lera la lethakgwafo, ka temogo;
b karolo e e kwa tlase ya mmele le matlhakore, le sebelikase ka mesego ya bontsi; le c diphilo, ka tlhagiso kana mesego fa go tlhokega le karolo ya diphilo ka mesego fa go tlhokega.
Fa go tlhatlhobiwa maoto a pele, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba matlhakore a mabedi -
a lera la lethakgwafo, ka temogo; le b boalo jwa popelo, ka kutlwelelo.
Dikgoropa di tshwanetse go kgaoganngwa morago lerapo la kgara, dikgopo, mokokotlo mme mokolela o tshwanetse go tlhatlhobiwa.
Tshekatsheko ya tlhogo ya pitse
a go sekaseka tlhogo ka temogo;
b utlwelele leleme; le c go lebelela letlalo, dipounama, marinini, magalapa a a thata le a a boleta, matlho le dinko.
Tlhatlhobo ya maoto
Maoto a tshwanetse go tlhatlhobiwa ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a mahibidu a pitse
Fa go tlhatlhobiwa mateng a mahibidu, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba-
a boalo jwa mateng a lethakgwafo ka temogo;
b sebete, ka tshwaro le tshego go bulela mo dikgelesweng tsa satlhokwe;
c malokololo a limfi, ka mesego ya bontsi go ya mo sebeteng;
d makgwafo, mometso le kgokgtso ka temogo le tshwaro mmogo le tshego go ya kgokgotsong;
e kgetse ya pelo le pelo, ka mosego o o dirilweng ka boleele go sega go ralala kgotlwanatlase;
f lebete, ka tlhatlhobo ya pono mme fa go tlhokega ka tshwaro;
g mogatla, ka temogo;
h matlhakore ka bobedi a letswalo, ka temogo; le i bopele, ka temogo.
Tlhatlhobo ya mateng a a magwata a pitse
Fa go tlatlhobiwa mateng a a makgwakgwa, motlhatlhobi yo o kwadisitsweng o tshwanetse go tlhatlhoba -
a lera la mogodu, ka temogo; le b boalo bo bo kwa ntle jwa mogodu le mala mmogo le dikarolo tsa mogodu, ka temogo.
Dikgato tsa parasiti tsa kgabaganyo - mesego ya tlaleletso le kalafi
Dikgato tsa parasiti tsa kgabaganyo le kalafi
 Setoto, tlhogo le mateng a mahibidu a a fitlhetsweng a na le botlhole ka dikgato tsa parasiti tse di fetang bongwe kana go feta tsa kgabaganyo, tse di ka bong di tshela kana di tiisitswe, di tshwanetse go tshwarwa le mo moteteselong le dikolobeng, mesego e mebedi ya tlaleletso e tshwanetse go dirwa go nngwe le nngwe ya M. triceps brachii, go bapa le bogaufi le mesego ya tshimologo.
Fa e le nngwe kana go feta ya dikgato tsa parasiti tsa kgabaganyo di fitlhelwa ka bontsi jwa boalo jwa mesego sekgoropa se tshwanetse go senngwa.
Fa botlhole bo seng bontsi setoto le dithwe di ka rebolwa ka maemo a gore se ya kalafing jaka go tlhalosiwa fa tlase.
Setoto se se rebolwang ka mabaka se tshwanetse go lemogiwa ka go tshwaiwa ka se se dikologang ka enke e khibidu go bapa le letlhakore le le feletseng ka tlhaka "M", e le minimamo wa 2cm ka bogodimo.
Dikarolo tsotlhe tse e leng tsa sekgoropa go alafiwa, di tshwanetse go lemogiwa ka sekgwage sa "M".
Dikgoropa le dithwe di tshwanetse go alafiwa ka go gatsetsa -
a jaaka matlhakore mo setsidifatsing ka themphereitšha ya mowa e e kwa tlase ga 18 C ya diura tse 72;
b) jaaka matlhakore mo setsidifatsing ka themphereitšha ya mowa e e kwa tlase ga 10 (C ya malatsi a le 10
c go fitlhelela lerapo le le boteng kana themphereitshara ya motheo ya kwa tlase ga 6 ºC, e e tlhomamisitsweng ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng le go ya ka porotokolo e e reboletsweng botlhabelo bo bo rileng ke motlhankedi mogolo wa porofense;
d morago ga go ntsha marapo, go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense; le i setshola kana khathone e nama e e se nang marapo e pakilweng di tshwanetse go tshwaiwa ka tlhaka "M" mme letlha la tlhagiso mo setsidifatsing le tshwanetse go bontshiwa;
ii themphereitšha ya nama ka fa gare ga setshola e tshwanetse go nna ka fa tlase ga 6 ºC pele e ka lokololwa ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
e mo dikarolong mo segatsetsing sa mofuta wa lebokoso go ya ka porotokolo e e rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofense.
Dikgato tsa parasiti tsa kgabaganyo di tshwanetse go tlosiwa mo nameng ya setoto e e rebotsweng ka mabaka le go tlhokomelwa jaaka go tlhalositswe fa godimo.
Direkoto tsa themphereitšha ya tshimologo le ditlhopha tsa ditshola, dikgoropa le dithwe tse di tlhagisiweng go tsidifatsa di tshwanetse go tsholwa ke mong wa botlhabelo dikgwedi di le thataro bogolo, mme di nne teng ka mabaka a go tlhatlhobiwa.
C. DITLHATLHOBO TSA NAMA TSA BOBEDI
Kakaretso
 Dikgoropa tse di belaelwang tse di fitlhelwang ka nako ya ditlhatlhobo tsa nama go ya ka karolo tlaleletso B, di tshwanetse go tshwaiwa " tshwerwe" mme di dirwe tlhatlhobo ya nama ya bobedi ke motlhatlhobi yo o kwadisitsweng yo e leng moalafadiruiwa.
Tlhatlhobo ya bobedi, mo sekgoropeng e tshwanetse go tlhagisa -
a mefuta, bogolo le bong;
b dipharologantsho tsa go thema le go dira kwala ga madi;
c sethwe kana karolo ya sekgoropa e e amegang;
d maemo kana bolwetse le setlhola se se belaelwang sa seo;
e katlholo le tshegetso ya seo fa go kgonega.
Go ikaegilwe mo diphitlhelelong tse di boletsweng, sekgoropa, sethwe kana nama di ka -
a rebolwa b rebolwa ka maemo, go ya ka kalafi;
c rebolwa ka bontlha ka go tlosa karolo e e senyegileng; kana d senyega gotlhelele.
Kwa sekgoropa se sa rebolwang, mong a ka kopa setefekeiti se se kwadilweng.
Diphologolo tsa tlhabo ya tshoganyetso
 Nama ya diphologolo e e neng e rometswe kwa go moalafadiruiwa, yo e leng motlhatlhobi yo o kwadisitsweng, ka nako ya tlhatlhobo ya pele ga loso, jaaka e tshisintswe mo go molawana 80, e tshwanetse go sekasekiwa ke moalafadiruiwa yo o jalo yo o tshwanetseng go tlhokomela segolo -
a diteng tsa madi a ditshika tsa gare ga dikgopo, tsela ya madi e nnye fa tlase ga serosa sa lebota la mala le mo mafureng a mogodu mo leboteng la setlhana;
b malokololo a limfo otlhe a a bonalang morago ga fa sekgoropa se setse se kgaogantswe le go sekaseka, go lokolola legetla go bula asethabulamo go tswa ntlheng ya bogare go bona ditogwa tsa go golaganya tse di tlhagisitsweng, mafura, malokololo a limfi le boalo jwa lelokololo; le c maemo a mesifa le monkgo o o sa tlwaelegang le mmala wa sekgoropa.
fa go tsewa go le botlhokwa ke moalafadiruiwa, sekgoropa kana nama e tshwanetse go isiwa tshekatshekong ya laboratori gore go tsewe tshwetso ya bofelo.
Direkoto
Dipoelo tsa tshekatsheko ya pele ga loso, tlhatlhobo ya nama ya ntlha le tlhatlhobo ya nama ya bobedi di tshwanetse go kwalwa, mme fa malwetse a karolo le a a laolwang a a tshisinngwang mo Molaong wa Malwetse a Diphologolo, 1984 (Molao No. 35 wa 1984). a lemogiwa, moalafadiruiwa wa selegae wa naga o tshwanetse go itsisiwe mo letsatsing la tlhabo.
Dikaelo
Motlhatlhobi yo e leng moalafadiruiwa o tshwanetse go itlwaetsa dikaelo tsotlhe go ya pele tse di ntshiwang ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba malebana le ditlhatlhobo tsa nama tsa bobedi.
D. DITLHOKEGO TSA KAKARETSO TSA BATHO BA BA DIRANG DITLHATLHOBO TSA NAMA
Borutegi bo bo tlhokegang jwa batho ba bangwe ba ba dirang tlhatlhobo ya nama kwa botlhabelong jwa nama e khibidu
Batho ba bangwe ba ba dumeletsweng sentle go dira ditirelo tsa tlhatlhobo ya nama jaaka go tshisintswe mo go karolo 11(l)(d) ya Molao ke -
a batho ba ba nang le borutegi jwa bayo saense e e maleba jaaka go rebotswe ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba; le b fa go tlhokiwa ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba, setefekeiti sa Basekaseki ba Nama e Khibidu se se rebolwang ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba le go atlanegisiwa ke Bothati jwa Borutegi jwa Aforika Borwa SAQA.
Kwadiso jaaka motlhatlhobi yo o kwadisitsweng le motlhankedi mogolo wa porofensi
Batho ba ba tshisinngwang mo go karolo11(l)(c) ya Molao o o eletsang go tlamela ditirelo tsa tlhatlhobo ya nama ba tshwanetse go kwadisa le motlhankedi mogolo wa porofense gore ba dire ditirelo tse kwa botlhabelong bo bo totobaditsweng.
MATSHWAO LE GO TSHWAYA
Karolo 111 m]
Ditotobatso tsa ditempe, matshwao le enke e e dirisitsweng
 Ditempe tsotlhe kana matshwao a dikologang a a dirisiwang go tshwaya sekgoropa kana nama a tshwanetse go dirwa ka matheriale o o seng botlhole, o o sa jeng mme a dirwe ka tsela e e leng gore a tla nna a le phepa ka gale.
Ditempe tse di latelang di a tlhokega:
Ditempe di tshwanetse go nna le -
a palo ya kwadiso ya botlhabelo; le b mafoko a a bontshiwang mo go molawana tlaleletso 2 a a tshwanetseng go nna bogolo dipuo di le pedi tsa semmuso, e le nngwe ya tsona e e tshwanetseng go nna Seesimane.
Minimamo wa disaese ya ditempe ke 60 mm ka molagare wa letshwao le le kgolokwe le le bontshitsweng mo molawaneng tlaleletso 2.
Ditlhaka mo ditempeng di tshwanetse go buisega mme di se ka tsa nna kwa tlase go na le 8 mm go ya godimo.
Matshwao a a kwadilweng mo matherialeng o o phuthelang a ka nna mannye go na le disaese tse di boletsweng mo melawaneng tlaleletso 4 le 5 go tshwanela mabaka a a rileng fa e le gore a rebotswe ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
enke ya mmala wa bophepole e tlhokiwa kwa ditempe di dirisiwang kwa dikgoropeng kana nameng mme e tshwanetse go dirwa ka metswako e e seng kotsi, e e jegang e rebotswe go dirisiwa mo dijong jaaka go tlhalositswe mo Molaong wa Diji, Dikhosemetiki le Dibolaya megare, 1972 Molao No. 54 wa 1972.
Matshwao a tshwanetse go bewa, mo lebakeng la -
a dikgoropa tsa dikgomo, dinku, kolobe le pitse, mo kotareng nngwe le nngwe ya sekgoropa le ya dikolobe, setempe sa tlaleletso mo tlhogong; le b dikgomo, dinamane le dipitse, mo ditlhogong, fa matlalo a tlositswe.
Go tshwaya ka rolara
Mo tlaleletsong go molawana 112, mong a ka dirisa mokgwa wa go tshwaya ka rolara mo ditotong tsa nama e khibidu, foo go tshwaya go go jalo go nang le mafoko le palo e e tlhagisitsweng mo molawaneng 112 , fa e le gore tshwao ya rolara e e jalo e ka dirisiwa fela kwa botlhabelong koo karologanyetso ya nama e dirwang.
Go phuthela, go paka le go kwala maina kwa dipolanteng tsa go sega tse di rebotsweng tsa thomelontle
 Maina otlhe a a diriiswang mo nameng a tshwanetse -
a go kwalwa mo pampiring ya kereiti ya dijo kana matherialeng wa go gatisa wa polasetiki le go tlhokomelwa ka tsela e e tshwanang ya boitekanelo jaaka mo matherialeng wa go phuthela o o tshwarang; le b go tsenyeletsa tshedimosetso e e tlhokiwang ke molawana 1123 mmogo le tshedimosetso efe e nngwe e e tlhokiwang ke motlhankedi mogolo wa porofensi.
Fa dikumo di phuthelwang ka bongwe, matheriale wa go phuthela wa kereiti ya dijo o mo go ona letshwao la thebolelo le kwalwang kana leina, le kwadilwe ka letshwao, o tshwanetse go dirisiwa le sephuthelo se se tshotseng letshwao la thebolelo mme le ka dirisiwa gape morago ga go bulwa..
Mo lebakeng la go paka mo bontsing, ditshola kana dikhatone di tshwanetse go tshwaiwa sentle ka fekese ya letshwao la thebolelo le le bonalang sentle le le la saese e e buisegang.
Setshola se tshwanetse go tshwaiwa sentle mo mafelelong ka bobedi ka tshedimosetso e e tlhokiwang ke Molao wa Boemo jwa Dikumo tsa Temothuo, 1990 Molao No.119 wa 1990, mmogo le -
a leina, aterese le palo ya kwadiso ya ditlhomo tsa mo go tsona nama e pakilweng;
b boima jwa bofelo jwa diteng;
c tlhaloso e e nepagetseng ya diteng;
d letlha la go pakiwa kana khouto e e kgontshang letlha la go pakiwa go tlhomamisiwa; le e dikaelo malebana le themphereitšhara e kumo e tshwanetseng go bewa ka yona.
Ditempe tsa pabalesego
 Setempe sa thebolelo se tshwanetse go tsholwa le go dirisiwa ka fa tlase ga taolo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng;
fa se sa dirisiwe setempe se tshwanetse go bewa mo lefelong le le sireletsegileng go ya ka thebolelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng; mme setempe sa thebolelo ga se a tshwanela go diriswa kwa botlhabelong kwa palo e farologanang go tswa palong e e mo setempeng.
Tiriso ya sedirisiwa sa go tshwaya
 Ditempe le sedirisiwa se se dikologang di tshwanetse go phepafadiwa le go opafadiwa kgapetsa ka nako ya tiriso.
Didirisiwa tsotlhe tsa go tshwaya di tshwanetse go tsholwa di itekanetse, kgakala go tswa bodilong le boalo bo bo bongwe bo bo leswe.
Matshwao a tshwanetse go dirwa ka mokgwa o e leng gore go a bonala mo sekgoropeng kana nameng.
Kakaretso
 Ga go motho yo o tla bayang setempe sa thebolelo, kana a tlosa letshwao le le jalo go tswa mo setotong sengwe le sengwe, karolo ya teng, nama kana sephuthelwana, go paka kana setshola, ntle le ka fa tlase ga tlhokomelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng.
Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a ka re ka nako nngwe le nngwe a tlhatlhobe gape setoto kana nama mo botlhabelong, go sa ikgatholoswe gore e ka bo e setse e rebotswe go jewa, mme fa mo tlhatlhobong gape a nna mo kakanyong ya gore ga e tlhole e lekanetse go jewa ke batho le diphologolo, o tshwanetse go tlosa setempe sa thebolelo ka go se sega, mme nama e e jalo e tshwanetse go senngwa.
TSHOLO YA MATHERIALE O O SENTSWENG
Karolo 111r]
Go tsholwa ga matheriale o o sentsweng
 Ditoto, dikarolo tsa teng kana dikumo dingwe le dingwe tse di jewang mo botlhabelong, tse di ka fetisediweng go jewa ke motho le phologolo, di tshwanetse go -
a kgaoganngwa le go bewa mo setsholeng se se thibelang go utswiwa se se tshwailweng sentle "E SENYEGILE", mo ditlhakeng tse di seng kwa tlase ga 10 cm go ya godimo, kana e tshwailwe mo go bonalang ka setempe se se nang le lefoko "E SENYEGILE", go dirisiwa enke e e botala jwa tlhaga;
b tshola mo lefelong le le tsholang kana kamore kana setsidifatsi se se dirang se se tlameletsweng lebaka, ntle le fa di tlosiwa mo tlwaelong e e tswelelang; le c) tlosiwa go tswa botlhabelong kwa bokhutlong jwa letsatsi le le dirang kana di bolokilwe mo setsidifatsing se se dirang kana segatsetsi kwa themphereitshareng ya mowa o o sa feteng kwa tlase ga 2 (C.
Ga go motho yo o tla tlosang setoto, karolo ya sona kana kumo e e jewang e e tshwerweng kana e sentswe go tswa botlhabelong, ntle le tumelelo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng yo e leng moalafadiruiwa mme go ya ka maemo a a jalo jaaka go ka tlhagisiwa.
Mong wa botlhabelo o ikarabelela go tsamaelana le ditlhokego tsa semolao kana maemo a a amanang le tiso le go latlhiwa ga sekgoropa sengwe le sengwe, karolo ya teng kana kumo ya teng kana kumo nngwe le nngwe e e jewang e e ka se fetisediweng go jewa ke motho le phologolo.
Go latlhiwa ga matheriale o o senyegileng
Matheriale mongwe le mongwe o o senyegileng o tshwanetse go latlhiwa ka -
a phiso e e feletseng;
b fetola le go boloka matheriale o o senyegileng kwa lefelong le le babalesegileng, le le rebotsweng ke motlhankedi mogolo wa porofensi le puso ya selegae, ka -
i go sega le go gasagasa ka, kana nwelo mo teng, mmala o o sa kgatlhiseng o o reboletsweng lebaka; le ii phitlho le go khupediwa ka bonako go ya botennye jwa bogolo 60 cm mme e seng kwa tlase ga 100 m go tloga botlhabelong, fa e le gore matheriale o o jalo o ka se ame mo go kotsi boitekanelo jwa botlhabelo; kana c tiragatso kwa polanteng ya opafatso e e kwadisitsweng.
Ditlhokego tsa dipolante tse di opafaditsweng
 Polante e e opafaditsweng e tshwanetse go tsamaisana le ditlhokego tsa kakaretso tsa lefelo, dikago le didirisiwa tse di beilweng mo melawaneng 8 go ya 18, e e dirang ka diphetogo tse di tlhokegang.
Lefelo la go opafatsa polante le tshwanetse go agelelwa le go sirelediwa go thibela botseno jwa batho ba ba sa dumelelwang, dikoloi le diphologolo, mme le tshwanetse go tsenyeletsa -
a mafelo a a seng phepa, a a nang le dikamore tse mo go tsona matheriale o amogelwang, o bolokiwang kana go siamisediwa go opafadiwa mmogo le botseno go ya sedirisiweng sa go opafatsa; le b mafelo a a phepa, a a nang le dikamore tse mo go tsona matheriale o o opafaditsweng o omisiwang, sitsweng kana gongwe o siamisitsweng, o pakilweng, o bolokilweng kana go romelwa.
Lebota le le tiileng le tshwanetse go kgaoganya mafelo a a seng phepa le a a phepa, mme go ka bo go se na kgolagano e e tlhamaletseng magareng ga dikarolo tse.
Lefelo le le seng phepa
 Matheriale wa tlholego ya phologolo o ka amogelwa fela mo lefelong le le seng phepa la polante e e opafadiwang mme ga go matheriale o o jalo o o tla tlosiwang go tswa lefelong le ntle le ka ditiro tsa sedirisiwa sa opafatso.
Dibata tsa dinao ka dibolaya megare di tshwanetse go tlamelwa kwa botsong, mmogo le bata ya maotwana ya dikoloi kwa lefelong la kamogelo le le seng phepa.
Bodilo, mabota le sedirisiwa sa lefelo le le seng phepa la polante e e opafatsang di tshwanetse go phepafadiwa ka letsatsi morago ga khutliso ya ditiragatso.
Badiri ba ba thapilweng mo lefelong le le seng phepa ba tshwanetse -
a go apara diobarolo tse di tshwailweng tse di itlhopholotseng le dibutsu tsa raba;
b go tlhapa diatla tsa bona le go bolaya megare mo dibutsung tsa bona pele ba tloga mo lefelong le le seng phepa; le c go tšhentšha go tswa diaparong tsa tshireletso tse di leswe le ditlhako mme ba iphepafatse ka sesepa le metsi pele ba tloga mo lefelong.
Motho yo o tseneng mo lefelong le le seng phepa a ka se tsene mo lefelong le le phepa kana lefelo lengwe le lengwe foo dikumo tse di jewang di tsholwang mo botlhabelong ntle le fa a phepafaditse le go tshentsha jaaka go tshisinngwa mo molawaneng tlaleletso 4c.
Kumo
 Motho a ka se rekise dikumo tsa polante e e opafaditsweng ntle le fa di tsamaelana le ditotobatso tse di beilweng ke Mokwadisi go ya ka Molao wa Menontsha, Dijo tsa Polase, Diphekolo tsa Temothuo le Diphekolo tsa Thoto, 1947 (Molao No. 36 wa 1947).
Matheriale mongwe le mongwe o o tlhagisitsweng ka go diragatsa kana go alafa ka fa tlase ga ditshiamelo tsa Karolo e mme o ikaeletswe go jewa ke phologolo kana jaaka monontsha o tshwanetse go tsenela tshekatsheko e e jalo le diteko jaaka Mokwadisi yo o boletsweng a ka totobatsa.
Dikoloi tsa matheriale o o senyegileng
 Koloi e e dirisediwang go rwala matheriale o o senyegileng e se dirisediwe lebaka le lengwe gape, mme morago ga go phepafatsa le go bolaya megare koloi e ka dirisediwa go rwala matheriale o o sa jeweng.
Koloi e ka dirisediwa fela go rwala matheriale o o senyegileng fa -
a sebaka sa morwalo se se khielwang, se se sireleditsweng mo go utswiweng le go tswalelwa;
b boalo bo bo ka fa gare bo thibetswe go dutla le go agiwa ka matheriale o o tiileng o o tla tshwarelelang; le c bodilo bo tlameletswe kwa ntlheng ya bona e e kwa tlse ka peipi ya kgamolo e e kgonang go nna e tswalegile sentle ka sekurufu sa belefo.
Sebaka sa go pega sa koloi e e dirisediwang go rwala matheriale go ya polanteng e e opafatsang se tshwanetse go phepafadiwa le go bolawa megare go ya ka kgotsofalo ya motlhatlhobi yo o kwadisitsweng kwa bofelong jwa tsamaiso nngwe le nngwe, kwa lefelong le ka kgethelolo le diretsweng lebaka leo.
Ditotwana
 Motlhatlhobi yo o kwadisitsweng a ka rebola, ka go kwala, tloso ya ditotwana tsa matheriale o o senyegileng le diparasiti tsa phologolo go tswa botlhabelong ka mabaka a patlisiso le go ruta, mme a tlhagise fa a neela bothati -
a leina la mokgatlho kana mong ka nosi a dira patlisiso, kana a dira kgobokanyo;
b leina la botlhabelo la tshimologo;
c mofuta le bokana jwa matheriale bo bo tlositsweng;
d lebaka la kgobokanyo; le e ka fa matheriale o tshwanetseng go latlhiwa morago ga tiriso e e neng e ikaeletswe, fa go kgonegang.
Thebolelo ya mong wa polante o tlhokelwa dithulaganyo tsa kgobokanyo ya ditotwana.
KAROLO IX
MELAWANA YA THOMELONTLE
Karolo 141d][Karolo 221h]
Thomelontle ya nama
 Nama e ka romelwantle fela go tswa botlhabelong kana dipolanteng tse di neilweng kereiti e e kwa godimo jaaka matheriale wa tirego mme di kwadisitswe jaaka ditlhongwa tsa thomelontle.
Mong yo o ratang go romelantle o tshwanetse go dira kopo ya kwadiso ya botlhabelo jwa gagwe kana polante jaaka tlhomo ya thomelontle le motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Nama e e ikaeletsweng go romelwa ntle e tshwanetse go tshwaiwa go ya ka ditlhokego tsa lefatshe le le romelang teng.
Sephuthela se mo go sona nama e tshwanetseng go romelwa ntle ka sona se tshwanetse go tswalelwa ka nako ya go pegiwa ga sona ka sekhurumelo se se nang le palo ya sekhurumelo e e ikgetholotseng.
KAROLO X
MELAWANA YA THOMELOTENG
Karolo 221h]
Thomeloteng ya nama
 (a) Mokgwa o ka ona kopo ya tetla ya thomeloteng e tshwanetseng go dirwa ke moromelateng ke go tlatsa kopo ya semmuso e e bonwang go tswa motlhankeding mogolo wa bosetšhaba le go e romelwa ka go ena.
b Motho mongwe le mongwe yo o tlamelang tshedimosetso e e fosagetseng mo foromong ya kopo ya tetla ya thomeloteng o molato wa tshenyo mme o tshwanelwa ke ponomolato kwa dikotlhaong tse di boletsweng mo go karolo 223 ya Molao.
Mokgwa o ka ona nama e e rometsweng teng e e folositsweng mo Rephaboleking e tshwanetseng go bolokiwa jaaka go tshisintswe mo go karolo 136d ya Molao ke -
a gore nama e e rometsweng teng e tshwanetse go bolokiwa ka tsela e e jalo ya go tlhomamisa -
i gore ga go kgotlhelego epe, go leswefatsa kana go ya tlase ga seo ka tsela efe go go tla diragalang; le ii nama e e jalo e e rometsweng teng ga go kgonege gore e kgotlhele dikumo tse dingwe mo bobolokelong bo bo tsididi;
b dikgato tseo tsa tshireletso di tshwanetse go nna mo mannong go thibela karolo nngwe le nngwe ya thomelelo go tlosiwa pele ga tlogelo ya bofelo ya seo; le c gore dikwalo tsotlhe tse di maleba kwa thomelelong di tshwanetse go tsholwa ke mong wa bobolokelo bo bo tsididi go tlhatlhobiwa ke motlhankedi mogolo wa bosetšhaba.
Ditsamaiso tsa boalafadiruiwa tse di tla dirwang fa nama e bolokilwe jaaka go tshisinngwa mo go molawana tlaleletso 2 ke go -
a tlhomamisa kgolagano e e siameng magareng ga nama le tetle ya thomeloteng mmogo le dikwalo tse dingwe tsotlhe tse di amanang le tlhatlhobo;
b sekaseka tshegetso ya themphereitšha ya nama ka nako ya tsamaiso;
c tlhomamisa gore ga go na leswefatso, kgotlhelego kana kwelo tlase ya nama ka tsela epe e e diragetseng ka nako ya tsamaiso pele ga polokelo;
d tlosa disampole go sekasekiwa;
e sekaseka dipoelo tsa teko tse di amanang le di sampole tse di tserweng go tswa thomelelong;
f tlhomamisa gore maemo otlhe a mangwe a a boletsweng mo tetleng ya thomeloteng a latetswe; le g dira tiro efe e nngwe e e tlhokegang go tlhomamisa gore nama e bolokesegile le go tshwanela go jewa ke batho le go se bontshe matshosetsi ape a go fetisa bolwetse bo bo fetelelang jwa phologolo.
TLHABO YA DIPHOLOGOLO GO JEWA KE MONG LE KA MABAKA A SEDUMEDI LE SETSO
Karolo 221c][Karolo 7a,b]
Go tlhabiwa ga diphologolo, e seng kwa botlhabelong, go jewa ke mong
 Motho a ka se re mo pakeng ya malatsi a le 14 go ja fela a tlhaba go feta -
a leradu le le lengwe, poo kana pholo;
b phologolo e le nngwe ya bopitse;
c dikolobe tse pedi;
d dinamane tse pedi;
f setlhopha B sa tse nne tsa diphologolo tse di tlhaga;
g setlhopha sa C sa lesometlhano sa diphologolo tse di tlhaga;
i ditlhogo tse di samaamabedi tsa kolobe;
j ntšhwe e le nngwe; kana k dikwena tse tlhano
Motho a ka tlhaba fela diphologolo tse di tshisinngwang mo go molawana tlaleletso 1, mo lefatsheng le a leng -
a mong wa semolao yo o kwadisitsweng;
b mohiri yo o mo molaong kana monni; kana c ka go le lengwe a na le tshwanelo ya taolo, tsamaiso kana tiriso.
Ditshiamelo dife tse dingwe tse di laolang go tsholwa le go tlhabiwa ga diphologolo mo lefatsheng tse di tshisinngwang ka fa tlase ga molawana tlaleletso 2, di tshwanetse go latelwa mo tlaleletsong kwa ditshiamelong tsa Molao le Melawana e.
Ke diphologolo tse di itekanetseng fela tse di ka tlhabiwang.
Dikarolo tsa diphologolo tse di tlhabilweng tse di sa dirisiweng, di tshwanetse di tsewe jaaka matheriale o o senyegileng mme o latlhilwe go ya ka ditlhaloso tse di maleba tsa Karolo VIII ya melawana e kana go ya ka ditlhokego tsa boitekanelo tsa bothati jwa selegae bo bo maleba.
Tlhabo ya diphologolo, e seng mo botlhabelong, ka mabaka a sedumedi a tumelo ya SeMoselemo
 Go tlhabiwa ga diphologolo ka mabaka a tumelo ya SeMoselomo go ka dirwa fela ke motho -
a yo o neilweng bothati jwa seo, ka go kwalelwa, ke bothati jwa tsa sedumedi sa Isilamiki; le b yo o nang le kitso e e tlhokegang, bokgoni jwa sebele le sedirisiwa go diragatsa tshego ya go tswa madi ka mokgwa wa setho.
Motho yo o tshisinngwang mo go molawana tlaleletso 1 o tshwanetse -
a go bona tumelelo pele e e kwadilweng ya seo go tswa bothating jwa selegae jwa lefelo leo go tlhaba go go jalo go tla diragalang;
b go bona tumelelo e e kwadilweng ya seo go tswa go mong wa lefatshe leo go tlhaba go go jalo go tla diragalang; le c go tlhomamisa gore ke diphologolo tse di itekanetseng fela tse di tlhabiwang.
Dikarolo tsa diphologolo tse di tlhabilweng tse di sa dirisiweng, di tshwanetse di tsewe jaaka matheriale o o senyegileng mme o latlhilwe go ya ka ditlhaloso tse di maleba tsa Karolo VIII ya melawana e kana go ya ka ditlhokego tsa boitekanelo tsa bothati jwa selegae bo bo maleba.
Nama e e bonweng go tswa phologolong e e tlhabilweng ka fa tlase ga molawana o e ka phasaladiwa jaka go tlhagisitswe ke Molao wa Isilamo.
Ditshiamelo tsa molao dife tse dingwe tse di laolang go tsholwa le go bolawa ga diphologolo mo lefatsheng le le boletsweng mo molawaneng tlaleletso 2b di tshwanetse go diragadiwa mo tlaleletsong kwa ditshiamelong tsa Molao le Melawana e.
Go tlhabiwa ga diphologolo, e seng mo botlhabelong, ka mabaka a sedumedi sa tlhago kana setso
 Motho yo o tlhabang diphologolo ka mabaka a sedumedi sa tlhago kana setso o tshwanetse-
a go bona tumelelo e e kwadilweng pele ya seo go tswa bothating jwa selegae jwa lefelo foo go tlhabiwang go go jalo go diragalang;
b go bona tetla e e kwadilweng ka se go tswa go mong wa lefatshe wa fa go tlhaba go go jalo go tla diragalang; le c go tlhomamisa gore ke diphologolo tse di itekanetseng fela tse di tlhabiwang.
Dikarolo tsa diphologolo tse di tlhabilweng tse di sa dirisiweng, di tshwanetse di tsewe jaaka matheriale o o senyegileng mme o latlhilwe go ya ka ditlhaloso tse di maleba tsa Karolo VIII ya melawana e kana go ya ka ditlhokego tsa boitekanelo tsa bothati jwa selegae bo bo maleba.
Ditshiamelo dife tse dingwe tsa semolao tse di laolang go tsholwa le go tlhabiwa ga diphologolo mo lefatsheng tse di boletsweng mo molawaneng tlaleletso 1b di tshwanetse go latelwa mo tlaleletsong kwa ditshiamelong tsa Molao le Melawana e.
Tlhabo ya diretlo tsa diphologolo mo botlhabelong
Tlhabo ya diretlo tsa diphologolo mo botlhabelong e ka dirwa fa motho yo o dirang tlhabo -
a a neilwe bothati bo bo kwadilweng ke mong wa botlhabelo, morago ga go tlhophiwa ke baagi ba sedumedi; mme b a na le kitso le bokgoni jwa sebele go dirisa ditshiamelo tse di tlhokegang le tse di rebotsweng go diragatsa tshego e e tswang madi ka mokgwa wa setho.
KAROLO XII
DITSHIAMELO TSA BOFELO
Karolo 182]
Boikuelo
Motho mongwe le mongwe yo o ratang go ikuela kgatlhanong ka fa tlase ga karolo 18 ya Molao, o tshwanetse -
a a tlhagise sentle tshwetso e go ikuelwang kgatlhanong nayo le mabaka a boikuelo;
b a tsenye boikuelo le Tona kana Mokhuduthamaga, jaaka kgetse e ka bo e ntse, mo malatsing a le 30 a go itsisiwe ka tshwetso.
c a tsenye madi jaaka a tlhalositswe mo Thulaganyong 1 mo kopong.
Setlhogo se se khutshwane
Melawana e e bidiwa Melawana ya Nama e Khibidu, 2004.
THULAGANYO 1
DIKELOTEFO, DIKELO LE DIKALE TSA DITIRELO TSE DI TLAMELWANG KE LEFAPHA LA BOSETŠHABA LA TEMOTHUO
BOLENG JWA TIRELO E E TLAMELWANG
KELOTEFO E E DIRANG GO TLOGA
MORANANG 2004
DITSHWAELO
Kelotefo e e duelelwang ditetla sa thomeloteng ya dikumo tsa diphologolo:
i Ntlha ya tetla ya thomeloteng ii Ntlha ya tetla e kgolo iii Tlhatlhobo ya nama e e romelwang teng
R 90,00 ya tetla
R 700,00 ya tetla disente go ya ka kg ya nama e e kopetsweng go romelwa ntle, tse di duelelwang kwa pele le kopo ya tetla ya thomelo ntle ya boalafadiruiwa
Karolo 13 
Tlhatlhobo ya nama le go neelwa setefekeiti sa thomelo ntle kwa dipolanteng tsa thomelo ntle kwa Lefapha la Bosetšhaba la Temothuo le nang le badiri ba leruri
% ya ditshenyegelo tsa nnete
Tlolonako:
% ya ditshenyegelo tsa nnete
Karolo 22 (d)
Karolo 14 (c)
Tsa disetefekeiti sa thomelo ntle kwa botlhomong jwa thomelo ntle kwa bokaedi bo se nang badiri ba leruri teng
R 180,00 ka ura kana karolo ya ura (nako ya go tsaya leeto go ya le go bowa go tsenyeleditswe) mmogo le ketleetso le tetlo ya go tsaya leeto
Karolo 14 (c)
Boikuelo kwa go Tona kana Minisetara.
R200 ya boikuelo
Karolo 18 
